Breaking News

Tlhokomelo ya mmele e botlhokwa

16 Nov 2015

Moitseanape wa dijo go tswa kwa National  Food Technology Research Centre, Mme Galase Ramolete a re go botlhokwa go ja dijo tse di nang le dikotla e bile di na le boleng.

Fa a bua kwa mogwantong wa lephata la ditsha la Ngwaketse bosheng, Mme Ramolete o boletse fa go le botlhokwa go ja dijo tse di nang le dikotla ka di thusa mmele go nna le bokete jo bo lekanetseng le go o thatafatsa.
A re go ja dijo ka selekanyo se se lekanetseng go fokotsa diphatsa tsa go tsenwa ke malwetse a tshwana le sukiri, madi a matona  le a mangwe ka selekanyo sa masome a roba bongwe le botlhano mo lekgolong.

Go ja dijo tse di lekanetseng e bile di na le dikotla go thusa gore motho a gole sentle a phuthologile le kakanyo. O ne a gakolola ba ba nang le kgatlhego ya go thuba mebele go dira jalo ka go ja dijo tse di maleba.

A re dijo di tshwana le rantlhasi, nama, merogo, maungo le mafura a Olive kgotsa Canola, di siametse mebele fa di jewa ka selekanyo. Le fa go ntse jalo, Mme Ramolete o boletse fa mafura a mantsi a le kotsi ka a ka kaba ditshika.

O kaile fa tiriso ya bojalwa le go goga motsoko go sa siamela mmele ka dilo tseo di bolaya dikarolo dingwe tsa mmele. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mookodi Makhaya

Location : Kanye

Event : Mogwanto

Date : 16 Nov 2015