Leuba le ganyaola leruo kwa Sefhare
15 Nov 2015
Barui ba motse wa Sefhare ba tsweletse ka go latlhegelwa ke dikgomo le ditonki ka dipalo tse di kwa godimo ka lebaka la tlala le lenyora.
Se se boletswe ke modulasetilo wa komiti ya balemi le barui kwa motseng oo, Rre Balekang Phaladi mo potsolotsong le BOPA ka Labobedi.
Rre Phaladi a re ke selelo le khuranyo ya meno ka morui a kgona go latlhegelwa ke leruo le lentsi ka nako e le nngwe fela.
A re dikgomo le ditonki di a pharama fa tse dingwe di tshwarwa ke seretse mo megobeng mme fa di sa bone yo o di ntshang mo seretseng ka bofefo di felela di swela gone foo.
Rre Phaladi a re seemo se, se tsisitse gape kgotlhang fa gare ga morafe le barui. O ne a supa fa bangwe barui ba siela leruo la bone metsi a morafe le ntswa le one a tlhaela.
O ne a supa gape gore bangwe barui ba kgaotse terata e e neng e ageletse masimo mangwe ka fa tlase ga lenaneo la cluster fencing gore leruo la bone le kgone go fula mo masimong ao.
Go sale foo, Rre Phaladi o ne a kopa barui go baya leruo la bone leitlho a re gantsi fa go tsena seemo se, leruo le tshabelelwa ke bolwetse jo bo bidiwang kwatsi mme a supa fa bo le borai thata ka bo bolaya mme bo sena dikai.
O tlhalositse gore bolwetse jo bo tsena seruiwa fa se e ja bojang kgotsa ditlhatshana tse ditala le tse di setseng di omeletse ka nako e nngwe fela kgotsa mo pakeng e nngwe fela.
A re seruiwa fa se lwala kwatsi se wa fela se bo se swa.
Rre Phaladi o ne a rotloetsa barui gore ba emise mokgwa wa go kokotletsa leruo la bone le bo le nna le ntsi thata mme e re go tla dipaka tsa leuba leruo le bo le ba latlhegela lotlhe.
A re barui ba tshwanetse go le fokotsa ka go le rekisa ba bo ba ipolokela madi mo dibankeng kgotsa ba dirisa madi ditiro tse di ka ba tshetsang mo isagong jaaka go aga matlo ba bo ba a hirisa.
Rre Phaladi a re barui ba tshwanetse go tlogela leruo le le lekanyeng le e tlaa reng fa go le leuba ba bo ba ka kgona go le jesa.
O ne gape a gwetlha barui go nna ba jesa leruo la bone dijo tse di tiisang mmele le go le siela melemo gore fa leuba le tsena leruo le seka la swa ka bofefo.
A bo a re ka bontsi ja barui e le balemi, o ba rotloetsa go nna ba somarela masalela a a salang mo masimo fa ba sena go roba.
A re ba dirise lotlhaka leo go dira dijo tse leruo le ka tshelang ka tsone mo dipakeng tse di tshwanang le e re mo go yone e ya leuba. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : Sefhare
Event : Potsolotso
Date : 15 Nov 2015






