Badiri ba Spar ba thusa Molefe
15 Nov 2015
Babereki ba marekisetso a Spar kwa Tutume ba agetse Mme Mmapula Molefe wa kgotla ya Madikwe ntlwana ya boitiketso.
Mothusa mogolwane wa marekisetso ao, Rre Kumbulani Sonny, a re ba ne ba lemoga fa go na le go nna ba amogela madi mo bareking fela, ba tswele kwa ntle go thusa setshaba, segolo jang ba ba dikobo dikhutshwane.
Rre Sonny a re fa ba ntse ba sekaseka mo motseng, ba ne ba wela lelwapa la ga Mme Molefe le ba neng ba bona fa le na le letlhoko la dilo di le dintsi mme mo go tsone ba bona go tshwanela go mo agela ntlwana ya boitiketso.
O ne a tswelela a tlhalosa fa kago ya ntlwana eo e ne e dirwa ke mmereki ka bone fa dithoto tsa kago ba di rekile ka madi a ba a kokoantseng a tswa mo dikgwatlheng tsa bone.
A re badiri ba ne ba seegela fa thoko Labotlhano mongwe le mongwe wa beke gore ba apare diaparo tsa bone tsa mokgabo mme ba ntshe P10 kgotsa P20, madi a ka one ba a dirisetsang go aga.
Rre Sonny a re kago yotlhe ya ntlwana eo e lopile P6 965 mme o ile a tlhalosa fa ba sa felela gone foo mme ba tlaa nna ba leka go isa malebo kwa bathong ka go leka go thusana le mmuso mo go thuseng ba ba tlhokileng lesego mo botshelong, gape le go diragatsa lengwe la matshego a tebelopele ya setshaba a setshaba se se kutlwelo botlhoko se se tlhokomelang batho botlhe.
Fa a amogela mpho eo, Mme Molefe o ne a leboga thata, a bolela fa e tsile go tokafatsa botshelo jwa gagwe.
A re ba leboga badiri ba marekisetso ao a Spar go bo ba ile ba lemoga fa go na le mongwe yo o tlhokang thuso ya bone, a ba galaletsa a gatelela ka gore Modimo a ba okeletse gore ba kgone go dira mo go golwane mo go fetang moo.
Kgosi Royal Nkomeni o ne a galaletsa badiri bao a re ke tiro e ntle e ba e dirileng, mme o ile a re fa e ka bo dikeletso e le dipitse, o ne a ka eletsa ba ka boela gape mo lelwapeng leo go dira sengwe gape ka go santse go le dilo di le mmalwa tse di tlhokegang mo teng.
Gape o ne a rotloetsa badiri bao go tswelela ka mowa o le mongwe go direla setshaba, mme a re go sego letsogo le le abang go na le le amogelang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Tutume
Event : Kabo Dimpho
Date : 15 Nov 2015






