Breaking News

O tshegeditse ngwao ka segaba

12 Nov 2015

E re ka ngwao go lemotshegile fa e fetoga le dingwaga e bile e tshwanetswe ke go ka bolokwa gore dikokomane tse di tlang di tle di ithute ka yone, mongwe wa modiragatsi o dira se ka go letsa segaba.

Rre Olebeng Khumomotse yo o dingwaga tse di masome a supa le botlhano o tlhalositse fa go le botlhokwa thata gore diletso tsa Setswana tse di tshwanang le segaba le setinkane di rutiwe basha gore le bone ba tle ba fetisetse kitso kwa dikokomaneng tsa bone.

O tlhalositse fa a simolotse go letsa segaba ka dinako tsa dingwaga tsa gagwe tsa bonana, a kaya fa a ne a se letsa go fetisa nako fa a disitse loruo lwa batsadi ba gagwe. 

“Ke rutilwe go letsa segaba ke nkgonne fa re santse re le bana re disa ka jaana sone le setinkane e ne e le tsone tse di kgatlhang leitlho ka nako eo.”

Rre Khumomotse o tlhalositse fa a ithutile segaba e bile a se rata go gaisa diletso tsotlhe ka jaana se kgothatsa motho go dira ka diatla le gone go akanya mo go faphegileng. O kaile fa a ne a ithuta go ipetlela segaba mme e bile a rata thata go letsa segaba se se dirilweng ka logong lwa morolwana. O tlhalositse fa mo segabeng, boroku bo dirisediwa go lootsa leseka le le letsang  mme e bile go sa dirisiwe boroku bongwe le bongwe. 

“Fa o na le segaba o tsaya nako e ntsi o tlhama dipina le gone go ithuta molodi o o tlaa nyalanang le mafoko le kopelo ya pina e o e tlhamileng, e bile ga gona sepe se se kgotsofatsang pelo go feta jaaka go itirela segaba ka mabogo a gago ka jaana go tlisa segaba seo gaufi thata le pelo ya gago.”

O ne a bua fa segaba e le nngwe ya diletso tse di thata go di ithutha mme fa motho a le pelotelele, a na le lorato le maikaelelo a go ithuta o ka tsaya sebaka se sekhutshwane.

Fa a bua ka meletlo e a kileng a ya go letsa mo go yone, o ne a tlhalosa fa go letsa kwa moletlong wa go bula kgotla ya Raphalane mo Jwaneng le fa toropo e amogela molelo wa kgolagano e leng one malatsi a a a ratileng thata ka jaana leina la gagwe le tlaa bonala mo ditsong tsa toropo. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Segomotso Lemme

Location : Jwaneng

Event : Potsolotso

Date : 12 Nov 2015