Breaking News

Sekole sa Boswelakgosi se tlaa ipela

12 Nov 2015

E tlaa re kgwedi eno e le lesome le boraro, sekole se segolwane sa Boswelakgosi kwa motseng wa Manyana mo kgaolong ya Borwa, se ipelele moletlo wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano se ntse se butswe semmuso.

Sekole se se tlaa bo se ipela ka setlhogo se se reng, “Re gadima kwa morago ka maipelo, re lebile tse re di kgonneng, e le metshameko kana dithuto go tiisa isago ya rona.”

Fa a a fa ditso ka sekole se, modulasetilo wa komiti e e neng e tlhophilwe go etelela tiro ya kago ya sekole seo, Rre Stephen Kganela a re, leano la gore go agiwe sekole le tsile morago ga go ela tlhoko gore bana ba ne ba sokola ka ba ne ba ya dikoleng tse dikgolwane kwa Ramotswa, Moshupa le Otse. A re bana bao ba ne ba sokola thata ka boroko le dipalamo go tswa gae go ya sekoleng. 

O tlhalositse fa go ne go se motlhofo gore ditoro tsa bone di diragale mme ba tshwaragana e le maloko ba thulanya ditlhogo go tswa ka maano a go senka barotloetsi ga mmogo le go kgobokanya madi a kago. 

Rre Kganela a re ba ne ba kopa dithuso mo morafeng ga mmogo le dikomponi mme dikopo tsa bone tsa atlega ka kompone ya Debswana e ne ya ba rotloetsa ka selekanyo sa madi a a kana ka P18 000, fa khansele ya Borwa yone e ne ya ntsha P17 000 mme boora-Sethibe Motswiri ba abela sekole tshimo ya bone gore sekole seo se agiwe fa e neng e le teng.

Rre Kganela o tlhalositse fa erile sekole se sena go fela ga tla nako ya gore se bidiwe leina, mme morafe wa tla ka maina a a farologaneng, ebong, Mareko Mosielele, Bahurutshe, Dimawe ga mmogo le la Boswelakgosi, mme ya re morago ga tshekatsheko ba lephata la Thuto ba amogela leina la Boswelakgosi ka gore kgosi ya pele ya Bahurutse e ne ya tlhokafalela teng ka nako ya dintwa tsa maburu.

 Erile ka ngwaga wa 1990 sekole se sa bulwa semmuso ke tona wa pele wa lephata la Thuto Dr Gaositwe Chiepe, ga tshwaela Rre Kganela.

 

Moeteledipele wa komiti e e baakanyetsang mokete o, Rre Elias Sebolaaphuti a re go botlhokwa gore ba ipele ba leboge batlapele ba ba ntseng le seabe go netefatsa gore bana ba akola thuto segautshwane. Moletlo oo o tlaa bo gape o kopane le wa kabo dimpho ya baithuti. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : Manyana

Event : Potsolotso

Date : 12 Nov 2015