Breaking News

Tlhokomelang leruo

12 Nov 2015

Mookamela mapodisi a Mahalapye o gakolotse barui ba kgaolo ya Martin’s Drift go tsaya boikarabelo jo bo tsepameng go sireletsa le go tlhokomela leruo la bone.

Superintendent Nthutang Bante o buile se mo thuto seka-dipuisano le barui ba kgaolo e, e e akaretsang Tuli Block, Ngwapa, Majwaneng, Mokobeng, Seleka, Tumasera, Ramokgonami le Ratholo. 

Dipuisano tse di ne di rulagantswe ke ba komiti ya twantsho borukutlhi kwa Majwaneng bosheng.

O ne a tlhalosa fa lefatshe la Botswana le tshwentswe thata ke seemo sa borukutlhi jwa bogodu jwa leruo jo bo ikadileng mo dikgaolong tsotlhe tsa lefatshe leno, go akarediwa le kgaolwana ya Martin’s Drift.

Ramapodisi Bante o ne a re ba tshwentswe thata ke dikgang tsa bogodu jwa leruo mo kgaolong, tse di tsweletseng ka go golela pele mme a supa fa go tlhoka go tlhokomela leruo go na le seabe se setona mo go nyeleleng ga leruo.

O ne a gatelela a re ntswa ba leka go itemogela diphatlha tse dirukutlhi di tsenang ka tsone, barui ba tsaya nako e telele ba sa tlhole leruo e bile le sa tshwaiwa le fa e le gone go le tshuba tota.  “Leruo segolobogolo dikgomo ga di na matshwao, le fa e le tshipi, fa tse dingwe di sa jesiwa omang, selo se se dirang gore magodu a akge maoto fela ba bo ba kgona go felela ba tswa ka diphatlha tsa menwana fa go tsenwa kwa lekgotleng la ditsheko ka jaana go a bo go sena bosupi jo bo nonofileng.” Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Onalethata Malete

Location : Majwaneng

Event : Thuto puisano

Date : 12 Nov 2015