Breaking News

Banni ba itumelela DailyNews

12 Nov 2015

Banni ba Mambo, Toteng le Botalaote mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba supile fa ba itumelela diphetogo tse di dirilweng ke lephata la dikitsiso go thapa batho ba ba tlaa ba tsisetsang pampiri ya dikgang ya DailyNews.

Ba re diphetogo tse, di tlaa thusa go fetola matshelo a bone.

Mo potsolotsong bosheng, Rre Saul Judge wa  Mambo o tlhalositse fa jaanong bana ba bone ba tlaa seke ba sokole go batla ditiro ka bontsi jwa tsone di bapadiwa mo koranteng eo.

O tladitse ka gore le bone jaanong ba tlaa itse ka tse di diragalang mo lefatsheng la bone, e tlaa seke e nne kitso ya ba ditoropo fela kgotsa ya ba metse e megolwane fela.

Mongwe wa banana, Rre Keene Tlapeng o supile fa jaanong a tlaa emisa go dirisa matsana a gagwe a bofelo go latela koranta eo kwa Makaleng dikhilomithara di le supa go tswa mo go wa bone.

A re o kgonne go batla tiro le sekole tse a di boneng bogautshwane mo pampiring ya DailyNews.

“DailyNews ke pampiri e e botlhokwa fela thata e bile e re baya mo dinakong, re itumetse go bo le rona e sa re tlole , re e tlisediwa mo motseng wa rona, ”ga bua Rre Tlapeng.

E rile a tswa la gagwe, mokwaledi wa kgosi ya Mambo, Mme Matilda Mbisana a tlhalosa fa jaanong le bone ba bona dikgang tse ba di tlhokang ka nako. A re dinako tse dingwe ba ne ba sa e bone gotlhelele, ba ne ba fitlhela e fedile kwa Makaleng ka jalo ba ne ba felela ba itlhoboga.

O tladitse ka gore ga ba sa tlhole ba utlwa dikgang ka podi ya tsela ka le bone ba di itseela ka tlhamalalo e bile ka nako. O akgotse puso go bo e tsile ka phetogo eo go akanyetsa ba metse e e kgakala le ditlamelo.

Go ya ka Kgosi Obey Toteng wa Toteng,  e re le ntswa pampiri eo e goroga morago ga nako, ba itumelela go bo jaanong ba sa tlolwe ke dikgang ka bontsi jwa bone ba sena dithelebishene go bona tse di diragalang mo lefatsheng la bone.

A re ba ntse ba pagama ka madi go latela pampiri eo kwa Masunga kana Makaleng.

Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Toteng, Mme Kebonang Oatlhotse, o supile fa dibeke di ne di kgona go feta ba sa itse gore go diragala eng kae fa e se fela fa ba ile Makaleng. A re ba ne ba sokola go bona pampiri eo e bile ba ne ba tlelwa ke mowa wa boitlhobogo gore gotlhelele pampiri eo ga e a direlwa bone ba metseselegae.

Rre Omphemetse Smarts go tswa kwa Botalaote ene o supile fa e le maiteko a mantle a a dirilweng ke puso segolo jang ka bone banana ba lebanwe ke letlhoko le letona la letlhoko la ditiro.

A re jaanong ba tlaa kgona go selasela ditiro tse di bapadiwang mo go yone ka e bile bangwe ba bone ba ne ba le boitseme go e latela kwa metseng ya Masunga le Makaleng.

A re ba ne ba setse ba feletswe ke madi a go pagama ba latela pampiri eo kgakala.

Bangwe ba ba thapilweng go isa pampiri eo, le bone ba supile fa jaanong matshelo a bone a phatsima ka ba sa tlhole ba lala ka tlala.

Rre Elliot Ngoma yo ene a thapilweng go isa pampiri eo kwa Mambo o tlhalositse fa jaanong a kgona go duela metsi le motlakase sentle ka madi a a a bonang mo tirong eo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : Mambo

Event : Potsolotso

Date : 12 Nov 2015