Bomme ba kopiwa go tsaya tsia botsogo jwa bone
12 Nov 2015
Monana mongwe yo o ithaopetseng go abelana kitso le Batswana lefatshe bogolo jang bomme le banana ka botsogo jwa bone, o tsweletse ka go isa efangele ya gagwe kwa bathong.
Mme Ouma Rammidi o mo mosepelng wa gagwe wa ngwaga le ngwaga wa dikhilomithara tse 7 000 go ralala lefatshe leno ka baesekele, mme leeto la gagwe le ne la mo gorosa mo kgaolong ya Bokone Botlha kgwedi eno e le lesome.
Fa a buisa banni ba metse ya Mulambakwena le Mosojane, Mme Rammidi o ne a ba tlhalosetsa fa a simolotse mosepele wa gagwe wa dibaesekele ka ngwaga wa 2013 ka maikaelelo a go rutuntsha bomme le banana ka bolwetse jwa kankere ya molomo wa bopelo le gone go itirela ka diatla go leka go itshetsa.
A re le ntswa mosepele oo, o le moleele, o na le dikgwetlho e bile a sa dire dipoelo dipe mo go one fela o ikemiseditse go o dira ka botswapelo go leka go fetola maikutlo le matshelo a Batswana.
A re ka jalo o ka nona pelo pelo fa bomme ba ka tsaya kgato ka matshelo a bone, ka jaana a na le tshepho ya gore phelelong o tlaa bona dituelo tsa gagwe go tswa kwa Modimong.
Mme Rammidi a re dipalo di supa fa bomme ba amiwa thata ke kankere ya molomo wa popelo go gaisa dikankere tsotlhe, a re ke ka moo puso e boloditseng letsholo la go kentela bana ba dikole tse di potlana mogare o o bakang kankere eo wa Human papillomavirus (HPV).
Mme Rammidi o tsweletse a gwetlha bomme go itlhokomela ka gotlhe mo ba ka go kgonang le go tlhomamisa gore ba itse seemo sa melomo ya dipopelo tsa bone nako e sa le teng go bona thuso e e tshwanetseng ka nako.
A re ba tshwanetse ba itse fa mebele ya bone e le tempele ya Modimo mme ba ikgaphe mo go nweng bojalwa, go goga motsoko le go tlhakanela dikobo le bakapelo ba feta bongwe, ka jaana e le dingwe tsa dilo tse di nang le seabe mo go bakeng kankere ya molomo wa popelo, a re dikgwetlho tse bomme le banana ba di ralalang mo botshelong, di seka tsa dira gore ba iteseletse mme ba di dirise e le tsela nngwe e e ka ba thusang go fetola le go ba bulela dikgoro tsa botshelo le ka fa ba akanyang ka teng tota.
Mme Rammidi a re bomme ba tshwanetse ba itse fa go le mo maruding a bone go netefatsa gore fa sireletsa botsogo jwa mebele ya bone, ka moo a kgalema bomme kgatlhanong le go inaakanya le tlhakanelo dikobo pele ga lenyalo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Mulambakwena
Event : Bokopano
Date : 12 Nov 2015






