Breaking News

LEA e jwala mowa wa bogwebi

12 Nov 2015

Bagakolodi ba tsa kgwebo kwa Local Enterprise Authority ( LEA) kwa Masunga  ba boloditse letsholo go rutuntsha setshaba ka ditirelo tsa bone,.

Maikaelelo a letsholo le ke go thusa go nonotsha dikgwebo. 

E re ka puso le yone e itlamile go ema bagwebi nokeng ka mananeo a nyeletso lehuma le a banana, LEA e itlamile go bona gore dikgwebo tseo ga di phutlhame e bile madi a puso ga a senyege.

Mo phuthegong le banni ba Mambo bosheng, mongwe wa bagakolodi, Rre Gaolaolwe Phologolo, o tlhalositse fa ba thusa ka bogakolodi jwa tlhwatlhwa ka tsa kgwebo e ka tswa e le ya dipodi kana epe fela ka tota keletso ya bone e le go bona Batswana ba ikemetse ka dinao, ba itirela dikgwebo mme ebile dikgwebo tsa teng di nwega moro.

Rre Phologolo o gwethile banni go tsaya kgato go tokafatsa matshelo a bone ga mmogo le gone go dirisa mananeo a puso a nyeletso lehuma.

A re ditirelo tse dingwe tsa bone di akaretsa go thusa go tlatsa dipampiri e ka tswa e le tsa PPADB kgotsa go thusa gone go kwala moalo wa kgwebo. O tladitse ka gore ba buletse Motswana mongwe le mongwe dikgoro.

Rre Phologolo o tsweletse ka gore ba ruta gape ka tsa ipapatso, a supa fa dinako tse dingwe o kgona go fitlhela mogwebi a dira dilo fela tse di jesang matlho monate, di kgatlhisa mme a bo a palelwa ke go ipapatsa mo go felelang fa gongwe kgwebo e phutlhama.

Rre Phologolo o ne a supa gape fa bagwebi ka bontsi ba sa itse go kwala dibuka tsa kgwebo tse di ba lemotshang gore a kgwebo e a gola kana jang. A re dibuka ke tsone konokono mo kgwebong ka di supa kgolo, dipoelo le kwelotlase ya kgwebo.

O ne a supa gape fa go na le dithutuntsho tse ba lopang mogwebi madi a a kanang ka P240, mme e bile dithuto tseo di tsaya malatsi a le matlhano go di anywa, a tlatsa ka gore  bogakolodi jo bongwe ke mahala.

E rile a tswa la gagwe , Kgosi Obuile Mambo wa Mambo, a akgola maiteko a mantle a a dirwang ke ba lekalana la LEA ka ba thusa go tokafatsa matshelo a bone e bile ba thusa go tsisa lesedi la thuto.

O kgothaditse banana ba motse wa gagwe go ikemela ka dinao, ba emise go nna ba lapisa batsadi ba bone ka go kopa tsele le tsele.

A re o itemogetse fa banana segolo jang borre ba na le tlhong e ntsi mme e bile a supa fa ditlhong di jesetsa mo lesweng ka go se ope  yo o tlaa atlegang fa a le ditlhong.

O tsweletse ka gore ga go na selo se se botlhoko jaaka go kopela ruri. A re Batswana ba tshwanetse go ikitaya ka thupana go tokafatsa matshelo a bone ga mmogo le gone go intsha mo lehumeng.

O ba rotloeditse gape go tsaya dikgato tse di maleba ka matshelo a bone. “Ke batla gore ka moso a bo le fa bopaki gore LEA e kile ya re thusa go namoga mo lehumeng, etelang ba LEA le kope dithuso,” ga bua Kgosi Mambo.

Mongwe wa banni ba motse oo, Mme Mmadijo Gola o ne a leboga go menagane ka a ne a nyoretswe dithuto tsa kgwebo ka le ene a ne a na le keletso ya go itshimololela kgwebo mme a sa itse gone go kwala moalo. 

 

“Ke ntse ke itsapa go ya Masunga go ya go kopa bogakolodi ka kakanyo ya kgwebo ya me mme ebile ke ne ke setse ke itlhoboga,”a latlhela. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : Masunga

Event : Phuthego

Date : 12 Nov 2015