Breaking News

Bogodu jwa loruo bo a tshwenya

11 Nov 2015

Mapodisi a Kgalagadi Borwa a re ga a jesiwe diwelang ke bogodu jwa go tlodisa molelwane wa Afrika Borwa le Botswana  loruo  le dithoto.

Ba  buile jaana bosheng kwa Mc Carthy Rust mo thutopuisanyong e mapodisi a neng a e rulaganyeditse barui le batsaya karolo mo kgaolong  eo.

Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo, modulasetilo wa komiti ya twantsho borukutlhi kwa Kgalagadi, Rre William  Otladisang,  o ne a tlhalosa fa ba tshwentswe ke go tlodisiwa ga loruo  gmo metseng e e gaufi thata le terata ya molelwane.

O kaile fa  thuto puisayno eo e diretswe go tla go buisana, go tswa ka megopolo le ditharabololo tse di ka lwantshang seemo seo se se ba apesitseng barui kobo ka letshoba.

Rre Otladisang o ne a tlhalosetsa batsena dithuto tseo fa gantsi bogodu jwa loruo bo ama gantsi banana  ba kgaolo,  mme a kopa batsadi go ema ka  diano go kgalemela bana e ise e tsenye tlhako kgamelong.

A re ditlamorago tsa bogodu ke kgolegelelo, selo se a reng ga se a siamela banana ka e le bone bagogi ba lefatshe leno ba kamoso, a kaya fa bangwe batsadi ba bipa mpa ka mabele mo dikgannyeng tseo.

Fa a bula  dithuto tseo semmuso, Kgosi Setlhare Lorekang wa Maubelo o ne a ngongorega ka go re jaanong bangwe batho setse ba dira dikgwebo ka go rekisetsa batho-basweu diphologolo tsa naga ka go di utswa ba di tlodisa molelwane ntswa e le tsone di nang le seabe se se ntsi mo itshololelong ya lefatshe leno.

Kgosi Lorekang o kaile fa diphologolo tsa naga mo nakong ya gompieno di gomagomediwa ke go nyelela ka dipalo tsa teng di fokotsega ka bonya ka bonya ka lebaka la bogodu. O kaile fa gape e tlaa re mo isagong dikokomane tse di tlang di seke di di itse le go akola meamuso ya tsone ka di tlaa bo di sa tlhole di le teng.

Fa a tswa la gagwe, mothusa mookamela mapodise a Tsabong, Assistant Superintendent Keagetswe Lorato o ne a supa  fa ba gatisitse dikgang tse di amang bogodu jwa loruo lo akaretsa dikgomo, dihutshane le go tlodisiwa ga dithoto mo kgaolong eo, a kaya fa mo gongwe go rotloediwa ke barui ba ba sa tlhokomeleng loruo ba sa lo tsenye  manyana le go lo tshuba ka tshipi.

Assistant Superintendent Lorato o ne a gakolola setshaba go tshwaragana le mapodise ka go ba loma tsebe ka nako tsotlhe gore seemo  seo tle se  fokotsege.

Warrant Officer Edward Moremi go tswa sepodising sa Afika  Borwa o ne a dumalana fa le bone seemo seo sa go tlodisa loruo, diphologolo, dithoto le go tlola terata ya molelwane e seng ka fa molaong le bone se ba tshwentse thata.

Rre Moremi o ne a kaya fa mafatshe oo mabedi a na le tirisano mmogo e e kwa godimo  ka go tshwaraganela dikgang tseo  ka go  ka go lekola terata ya melelwane kgapetsakgapetsa ba etse seemo tlhoko.

Mogolwane go tswa mo lephateng la temo-thuo, Rre Oitsile Gobatlilwe  ene o ne tlhalosa ka ditlamorago tsa go tlodisa loruo terata a re go ka felela go  anamisa malwetse mo mafatsheng oo mabedi. 

Rre Gobatlilwe  o kaile fa go le botlhokwa gore loruo lo tlhatlhojwe pele ga lo kgabaganya molelwane go itsa seemo seo.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Mc CATHY’S RUST

Event : Thuto puisanyo

Date : 11 Nov 2015