Breaking News

Kgosi o rotloetsa batsadi go kgalema

11 Nov 2015

Go botlhokwa gore batsadi ba kgaleme ba bo ba otlhae bana fa ba inaakanya le boitshwaro jo e seng jone.

Kgosi Jeremiah Chinguli wa Dagwi mo kgaolong potlana ya Tutume o buile jalo mo potsolotsong bosheng.

A re kgalemo le kotlhao e batsadi ba ka e fang bana e ka thusa go fokotsa boitshwaro jo bo sa kgatlhiseng jo bangwe bana mo motseng ba tsweletseng ka go bo supa. 

A re dilo tse di fatlhang di akaretsa boimana jwa bana ba dingwaga tse di kwa tlase, manyalo a a sa rulaganngwang ka fa molaong, go tlogela sekole, go thukutha batho bosigo le tse dingwe tse bangwe ba tsweletseng ka go inaakanya le tsone.

Kgosi a re boitshwaro joo bo ka fokotsega fela fa batsadi ba ka nna le seabe mo kgalemong ya bana. 

A re batsadi ke bone ba ka rotloetsang bana go ikgapha ka go ntsha lentswe la kgalemo le le tseneletseng ga mmogo le dikgakololo tse di maleba.

Kgosi Chinguli a re fa batsadi ba sa kgalemele bana, ditiro tsa botlhokatsebe di tlaa tswelela di golela pele. 

Kgosi a re ga go ope ngwana yo o tshwanetseng go golela motsadi, a tlatsa ka go re batsadi ba seka ba tlogela bana go dira boithatelo ka seo le sone se ka rotloetsa boitshwaro jo e seng jone.

Kgosi Chinguli o bile a kgala batsadi ba ba kgatlhanong le kotlhao ya bana kwa kgotleng fa ba bonwe molato. 

A re go otlhaya ngwana ke tsela e e tswang goo-Lowe e dirisiwa, a supa fa e le yone gape tsela e e neng e dirisiwa go bontsha ngwana tsela ya nnete. 

O tlhalositse fa bana ba ba sa reetseng batsadi ba gola e le diganana ba sa itirele sepe mo botshelong fa e se go amoga bangwe di-tsa bone ka dikgoka.

Kgosi o bile a kgala batsadi ba ba bipang mpa ka mabele fa bana ba bone ba dirile sengwe se se kgatlhanong le molao. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Clara Thamae

Location : DAGWI

Event : Potsolotso

Date : 11 Nov 2015