Ditlhabololo di a tla dirwa
11 Nov 2015
Mananeo mangwe a ditlhabololo a a ntseng a seegetswe fa thoko ka lebaka la tlhaelo ya madi fa e sa le lefatshe le welwa ke kwelo tlase ya itsholelo a tlaa dirwa ka thulaganyo ya Economic Stimulus Programme (ESP).
Seo se builwe ke mopalamente wa kgaolo ya Nkange, Rre Edwin Batshu, ka letsatsi la ipelelo phenyo ya mokhanselara wa Tutume bokone, Rre Ishmael Mokgethi kwa Tutume ka Matlhatso.
Rre Batshu a re mananeo a tshwana go ntshafadiwa ga tsela ya Tutume-Maitengwe ga mmogo le ditsela tsa Dagwi le Changate, kago ya kokelo e ntsha ya Tutume, diofisi tsa maemo a ntlha tsa kgotla ya Matobo le a mangwe, ke mangwe mananeo a a tlaa dirwang mo thulaganyong eo ya ESP.
Fa a itebaganya le tsa polotiki o ile a leboga batlhophi ba kgaolo ya botlhophi ya Nkange go bo ba ne ba tlhopha phathi ya Domkraga mo ditlhophong tse di fetileng.
Rre Batshu a re Domkraga e nyoretswe go tlhabolola matshelo a batho le go bona gore dikeletso tsa batho di a diragala, a gatelela ka go ba kopa go tswelela ka mowa o le mongwe go tshegetsa dikgaolwana tsa bone le go oka batho go nna maloko a phathi.
O ile a gwetlha ba ba neng ba ngala phathi morago ga ditlhopho tsa peo letlhokwa tsa bulela ditswe go boela mo phathing, a gatelela ka gore kwa goora motho go thebephatshwa le go ikwadisetsa boloko jwa phathi mo dikgaolong tse ba leng mo go tsone.
Mokhanselara wa Tutume Bokone yo e bileng e le modulasetilo wa khansele-potlana ya Tutume, o ne a leboga batlhophi ba kgaolwana ya gagwe go bo ba ne ba mo tlhopha gape mo ditlhophong tse di fetileng tsa 2014.
Rre Mokgethi a re seo se supa fa ba santse ba na le tshepho mo go ene, ka jalo a supa fa a ka seke a ba swabise ka lepe letsatsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Letsatsi la ipelelo phenyo
Date : 11 Nov 2015






