Breaking News

Tshomarelo tikologo e mosola

11 Nov 2015

Botswana ke lengwe la mafatshe a a amilweng ke phetogo ya loapi mme se se tlhoka gore tikologo e somarelwe ka ditsela tse di farologaneng.

Mogolwane wa lekgotla la WENA Environmental Education & News Trust, Mme Flora Mmereki, o boletse bosheng kwa Tlokweng fa lekgotla leo le ne le abela banana ba bomme ditlankana tsa go tsena thuto ya diatla go dirisiwa tse di fitlhelwangng mo tikologong.

   Mme Mmereki o boletse fa maikaelelo a thulaganyo eo e le go thusa bomme ka ditselana tse di tlhwatlhwa e e kwa tlase go kgona go tsamaelana le phetogo ya tikologo gammogo le go thusa bomme ba banana go lwantsha lehuma.

    A re ba thusa bomme go tlhama mebereko ya sennela ruri go itshetsa, go emela bomme le go dira gore lentswe la bomme le utlwale, go thusa go lwantsha dikgang tsa kgokgontsho le HIV/AIDS gammogo le go neela bomme kitso e ba ka e dirisang go itshetsa.

O tlhalositse fa go le botlhokwa gore bomme ba ikemele ka dinao ba dirise tse di mo tikologong ya bone go itirela ka diatla, a re lenaneo leo la go somarela tse di mo tikolong go dira mekgabisa le nonofile e bile le ntsha maduo.

 O boletse fa mananeo a sennela ruri a itshetso ele konokono mme ebile bontle jwa tikologo bo le botlhokwa ka bo lere botsogo jo bontle fa e somarelwa ebile e babalelwa.

Mme Mmereki a re ba rutile banana bao go dira manyena ka matlhare a dinamune, go dira dibaga tsa matsogo le melala, go dira manyenana ka dithibo tsa mabotlolo mme botlhe ba kgonne go tshwara botsipa joo mo bekeng.

O gakolotse bomme go ikgolaganya le ba lephata la Gender Affairs jaaka ba setse ba buletse go thusa bomme ka madi go dira dikgwebo motho a le mongwe fela kana bale setlhophana, a re go botlhokwa gore ba dirise sebaka seo.

Fa a tswa la gagwe Mothusa kgosi kgolo wa Batlhokwa, Kgosi Michael Gaborone, o boletse fa lekgotla leo le tlile go tswelela le rutuntsha ka tikologo le diphetogo tsa loapi gammogo le ka tshomarelo ya tikologo. 

Kgosi Gaborone a re lekgotla leo le bone go tshwanela go thusa puso go isa kitso le thuto kwa bathung gore ba somarele tikologo e ba tshelang mo go yone ka go busetsa mo tirisong tse di dirisitsweng.

A re ke thulaganyo e ntle go bo ba lekgotla leo ba bone go tshwanela go tla kwa Tlokweng go tla go rutuntsha banana gore tse di latlhilweng di ka dirisiwa jang tsa dira bontle jo batho ba ka kgabang ka jone, a tlatsa ka gore mongwe le mongwe o na le seabe mo setshabeng le tikologo e ba tshelang mo go yone.

Kgosi Gaborone boletse fa tikologo e batho ba tshelang mo go yone e le botlhokwa e bile e tlhokana le go somarelwa. 

A re go botlhokwa gore ba ba setseng ba anywile thuto ba e arogane le ba bangwe ba bo ba ba rotloetse go tlogela nnotagi le maitsholo a a makgapha mme ba itirele.

Fa a tswa la gagwe mongwe wa bomme ba ba neng ba tsene  dithuto tseo, Mme Emang Badubi o boletse fa jaaka mongwe wa ba setlhopha sa Nkaikela ba lebogetse go bo ba lekgotla leo ba kopane le bone go tla go ba neela kitso le thuto eba ka e dirisang go ithsetsa go e ntsha mo lehumeng, a re ba ithutile go dira dibaga le manyeana mme ba ya go tlhoka thotloetso ya madi gore ba reke tse ba di dirisang gore ba tshwelele pele.

Makgarejwana a o a ne a abelwa ditlankana tsa tiro ya diatla ya go dira mekgabisa. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Letshelaphala

Location : Tlokweng

Event : Kabo ya ditankana

Date : 11 Nov 2015