Breaking News

Banni ba kgothaditswe go ipelega

11 Nov 2015

Mopalamente wa Tati Botlhaba  Rre Samson Guma o kgothaditse dikgosi le dikomiti tsa metse ya ditlhabololo  go tsosolosa mowa wa go ipelega ka go agela baithuti matlo a boroko.

O buile seo mo phuthegong ya thuto seka-dipuisano bosheng kwa Francistown.

Rre Guma o kopile baeteledipele go ema ka dinao go agela baithuti ba sekole  se segolwane sa Shanganai kwa  Tsamaya  matlo a boroko, morago ga go utlwa ka matshwenyego a a apesitseng baithuti  bao kobo ka letshoba.

O rotloeditse banni ba  Siviya, Tsamaya, Tshesebe, Jackals 2, Mowana le Mabudzani go sireletsa matshelo a bana ba bone.

O kgothaditse  morafe go nna le seabe mo go tlhabololeng lefatshe la bone ka jaana puso e ka seke e kgone morwalo oo e le nosi.

Rre Guma a re mo dingwageng tse di lesome le boroba bobedi tse di fetileng, puso e dirisitse P1.2 billion go emeletsa ditlhabololo mo kgaolong ya gagwe, le fa go ntse jalo ga go ise go lekane.

A re jaanong go mo maruding a morafe go thusa puso ga mmogo le gone go sireletsa thuto ya bana ba bone. 

E ne e rile re go le pele mogokgo wa sekole Sa Shangani, Mme Ndinaani Mandevu  a tlhalosa  fa baithuti ba tsamaya sekgele sa dikhilomithara tse di masome a mabedi le bone, go ya go masome a mabedi le borataro go latela dithuto.

Selo se a kaileng e le sone sekgoreletsi mo maduong a baithuti ka bana bontsi jwa nako ba goroga morago ga nako kwa sekoleng, e bile ba tla ba lapile ke mosepele.

Mo godimo ga moo, o ne a kaya fa go tsamaya sekgele ga baithuti go le borai mo matshelong a bone ka jaana bangwe ba sa sireletsega mo dilalomeng le gone go tshaba sekole tota.

Baeteledipele ba metse e supa eo, ba ne ba supa fa ba amogela mogopolo oo ka diatla tsoo pedi mme ba tlhalosa fa ba tlaa tshwara ka natla go bona gore tiro eo e ya diragadiwa.

Ba re seo e tlaa nna mangwe maiteko a go diragatsa maikemisetso  a tebelopele ya setshaba ya ngwaga wa 2016. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : Francistown

Event : Thuto puisano

Date : 11 Nov 2015