Breaking News

Badiragatsi ba gakololwa go dirisa talente

11 Nov 2015

Badiragatsi ba motshameko wa serala kwa kgaolong ya botlhophi ya Thamaga/Kumakwane ba kgothaditswe go tsaya ditalente tsa bone ka tlhwaafalo ka jaana di ka tsoga di ba namotse mo lehumeng.

Se se builwe ke mokhanselara wa kgaolo ya Thamaga Bophirima, Rre Molatedi Selala mo thutopuisanyong ya malatsi a mane ya go ruta badiragatsi botsipa jwa go diragatsa mo seraleng e e neng e tshwerwe kwa Thamaga bosheng. 

Rre Selala o ne a kgothatsa banana dira tiro ya bone ya bodiragatsi ka lorato ka seo se ka dira gore ba felele ba le kgakala ka yone.

 O ne a tlhalosa fa puso e leka thata go namola banana mo lehumeng e bile e tsentse letsogo fela thata mo bodiragatsing.

O ne a lebogela barulaganyi ba thutopuisanyo e, a tlhalosa fa badiragatsi ba e tlhoka go lootsa botsipa jo ba nang le jone ka jaana bontsi jwa bone ba na le ditalente tse dintsi mme ba sa itse go di dirisa.

O ne a tlhalosa fa e ne e ka nna selo se sentle thata fa go ne go ka dirwa dithutopuisanyo tsa go nna jaana gantsi go godisa bodiragatsi mo kgaolong. 

O ne a kgothatsa badiragatsi go dira bojotlhe go dirisa botsipa le maele a ba a amuleng mo thutopuisanyong e. 

Morulaganyi wa dithuto tseo, Mme Refilwe Senna o ne a tlhalosa fa ba ne ba bona go le botlhokwa go rutuntsha badiragatsi ba kgaolo ya Thamaga/Kumakwane ka ba itemogetse fa kgaolo e e sa gole mo go tsa bodiragatsi jwa serala ntswa go na le talente e ntsi. 

O ne a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le go godisa bodiragatsi mo kgaolong e, gore badiragatsi ba ba tle ba tsoge ba itshetsa ka ditalente tsa bone. 

Mongwe wa barutuntshi, Rre Dops Baipidi yo le ene e leng modiragatsi mo setlhopheng sa motshameko wa serala sa Ikakanyeng, o ne a gatelela fa modiragatsi e le ene sefatlhego sa kgaolo ya gagwe e bile go le botlhokwa gore badiragatsi ba itshware sentle ka jaana ba lejwa ke setshaba. 

O ne a tlhalosa gore badiragatsi ba le bantsi ba senyegelwa ke tiro ka lebaka la go tlhoka go itshwara sentle. O ne a gatelela gore badiragatsi ba nne le mowa wa go dira mmogo ka go ka ba isa kgakala e le setlhopha. 

Morutuntshi yo mongwe, Rre John Marumo o ne a bolela fa maikaelelo a bone e le badiragatsi ba ba setseng ba godile e le go ribolola ditalente tsa bodiragatsi le go di nosetsa gore bodiragatsi bo tle bo gole mo lefatsheng leno. 

O ne a tlhalosa fa bodiragatsi bo tlhokana le lorato le go nna le maikaelelo a go tswelela pele mo botshelong.

E rile fa a lebogela barulaganyi sebaka se ba se fileng badiragatsi ba kgaolo e, modulasetilo wa komiti ya tsa bodiragatsi, Rre Thatayaone Motlokwa a tlhalosa fa a itumeletse maiteko a magolo ao e bile a solofela fa ba tlaa bona pharologanyo mo dikgaisanyong tse di tlaa tshwarwang kgwedi e e tlang. 

 

O ne a gatelela gore kgolo ke yone sesupo sa gore bodiragatsi bo ya golo gongwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gofaone Makhaya

Location : Letlhakeng

Event : Thuto puisano

Date : 11 Nov 2015