Marekisetso a Nandos a tswetswe
11 Nov 2015
Bareki ba koko ya Nandos kwa Palapye ba a tlhokile a le tlhaeng morago ga gore madirelo ao a tswalwe ka Labotlhano.
Seo se tla jaana morago ga gore Mme Ethel Gampone, mong wa madirelo ao, a seka a shafaletswa teseletso ya go tswelela a a dirisa ke ba a neng a gweba ka leina la bone ba Nandos Khan Family.
Go sa shafadiweng ga teseletso ya kgwebo, go tlogetse bareki le bodiredi ka kgakgamalo.
Marekisetso ao, a ne a thapile badiri ba le masome mabedi le boroba bongwe, go tswa mo mafelong a a farologaneng.
Madirelo a sa le a simolotse go dira ka ngwaga wa 2001, a dirisa leina la Nandos ka fa tlase ga ga Khan and Family.
Mme Gampone ke ene Motswana wa ntlha mo Palapye go tsamaisa madirelo ao, go fitlha mo nakong eno fa beng ba leina le a neng a gweba ka lone ba le tsaya.
Le mororo go ne go na le matshosetsi a gore a ka nna a tswala, go ne ga tla mokwalo wa kgotla kgolo ya boikuelo o o neng wa tlhalosa fa a tlaa tswalwa kgwedi eno e ya fifing.
Go ya ka mogolwane wa madirelo ao, Rre Takobana Phillimon, ene le badiri ka ene ba ne ba sala ba hakgametse fela fa a tswalwa ka Labotlhano morago ga gore ba seka ba letlelelwa go reka dithoto tse ba di dirisang, mme ba feleletsa tse di neng di le teng ba bo ba tswala.
Rre Phillimon o ne a akgola Mme Gampone go bo a ne a dira bojotlhe go somarela kgwebo e e feletseng e mo tswa diatleng, morago ga gore kgotla kgolo ya boikuelo e ntshe tshwetso ya gore a tswale a bo a busetse leina la kgwebo mo go beng.
O ne tswelela a solofetsa babereki botlhe gore ba tlaa duelwa ka fa go tshwanetseng ka teng, fela go ya go tsaya nakonyana ka ba bantsi, mme a ba kopa go nna pelo telele, ka ba setse ba amogetse dikwalo tse di neng di ba tlhalosetsa fa baya go direlwa dituelo tsa bone tsotlhe ka fa tshwanelong.
Mme Gampone ene o ne a tlhalosa mo potsolotsong fa seemo se,. se ngomola pelo segolo jang fa a leba banana ba ba latlhegetsweng ke tiro, mme go sena sepe se a ka se dirang ka a ne a tsene mo tumelanong le beng ba leina le a neng a le dirisa gore ga a na a simolola epe kgwebo pele ga dingwaga tse pedi di wela fa konteraka e fela.
Mme Gampone a re le ntswa tumelano ya tiriso leina e ne e ya bokhutlong ka Mopitlwe ngwaga o o tlang, o ne a sala a swabile nko go feta molomo fa madirelo a a neng a setse a itshetletse a le mo seemong sa maemo a a kwa godimo e bile a oka setshaba a bo a tswalwa mo nakong e khutshwane.
O ne a setse ka dikgwedi di le thataro go wetsa sebaka se a neng a se dumelane le beng ba leina la Nandos.
Mo nakong eno, tiriso ya lefelo e sa ntse e le mo maineng a gagwe, fela ga gona se a ka se dirang ka gone gore o tshwanetse go digela sebaka se a se dumelaneng le beng ba leina, a re fa e ne e se ntlha eo o ne a ka tswelela go kopa bangwe go ka dirisa leina la bone go tsweledisa kgwebo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : Palapye
Event : Potsolotso
Date : 11 Nov 2015






