Breaking News

Banni ba Magotlhwane ba lela ka leuba

11 Nov 2015

Banni ba Magotlhwane mo kgaolong ya Kanye Bokone, ba buile ba sa kgwe mathe ka fa ba tshwentsweng ka teng ke  leuba le le gomagometsang  go diga  temo-thuo mo kgaolong ya bone.

Kgosi Johnson Phiri wa Magotlhwane o ne a goga kgang e kwa pele mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo, Rre Patrick Ralotsia.

Kgosi Phiri o tlhalositse fa matshelo a bone a ikaegile ka temo-thuo, mme ka maswabi seemo sa pula go lebega e se se se nametsang ka jaana go bonala fa loruo lwa bone lo motega ke lenyora le go tlhoka phulo.

Ka jalo, o ne a kopa  Rre Ralotsia gore a ba kopele gore botlhe ba ba rekisang dijo le melemo ya matlhoko a leruo ba ngotle ditlhwatlhwa tsa bone gore barui ba kgone go ka itepatepanya le seemo sa leuba ka go sireletsa leruo la bone.

 Kgosi Phiri a re seo se tlaa hema go gola ga dipalo tsa batlhoki ka jaana ba ka kgona go tlhamela ba malwapa a bone gape le go itsa matlole a meamuso ya lefatshe go tlhotlhorega.

Mo go tse dingwe, Kgosi Phiri o ne a kopa morafe ka go tswelela ba rapelela pula ga mmogo a bo a tlhotlheletsa neelano gareng ga dikereke go ka tshwaragenela go rapelela pula.

 O ne gape a lela ka seemo sa  tlhaelo ya metsi mo  motseng wa bone mme a kopa tona go buisana le ba ba maleba go ka sekaseka gore didiba tse di lesome tse di sa dirisiweng mo kgaolong ya Ramotswa di busediwe mo tirisong.

Rre Ralotsia, yo gape e leng tona wa temo-thuo, o ne a gwetlha banni ba Magotlhwane go ipaakanyetsa leuba ka jaana go setse go itshupile gore dipula tsa monongwaga di tlaa dika di le boutsana.

Rre Ralotsia o tlhalositse fa ba ofisi ya tepo loapi ba ba file pego e e neng e tlhobosa pula segolo bogolo  mo kgaolong ya Borwa.

A re ba supile fa go simolola go tsweng mo kgweding e e sa tswang go wela ya Phalane go tlaa bo go le komelelo go fitlha kwa dikgweding tsa Morule, Hirikgong le Tlhakole.

Le fa go ntse jalo, Rre Ralotsia o ne a kopa morafe go lema dijwalo di tshwana le mabele, makatane, lebelebele, dinawa le magapu tse a tlhalositseng fa di kgona go emelelana le seemo sa dipula tse di boutsana.

Rre Ralotsia o ne a tlhalosa fa puso e tsere tshwetso ya go ema balemi le barua kgomo nokeng ka go ba fokoletsa ditlhwatlhwa tsa dijo jaaka moroko, dithokolo le letswai le tse dingwe le melemo ya matlhoko a leruo ka  masome a matlhano a dipula mo lekgolong.

Mo go tse dingwe, o ne a gwetlha banana go tsaya mananeo a puso e a tlhomileng go ka tlhabolola matshelo a bone ka tlhwaafalo.

O ne a tlalaletsa ka go kopa setshaba go dirisa lenanaeo la ISPAAD go ka tlhabolola temo-thuo.

Rre Ralotsia o ne a tlhalosetsa morafe fa dikgwetlho tse di lebaneng temo-thuo di godile ka ponyo ya leitlho, ka jalo a supa fa a beile palamente pele mogopolo wa go godisa sekole sa Botswana College of Agriculture go godisiwa go nna unibesithi e e tlaa itebaganyang le go dira dipatlisiso tse di tseneletseng mo mohameng wa temo-thuo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : Magotlhwane

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 11 Nov 2015