Breaking News

Khan o ikuela mo batsading

11 Nov 2015

Mopalamente wa Molepolole Bokone, Rre Mahommed Khan, o kgothaditse batsadi  go supa kgatlhego mo thutong ya bana ba bone.

Mopalamente, yo a neng a bua mo diphuthegong tsa kgotla mo  dikgaolwaneng tsa Borakalalo, Phalane le Garanta mo bekeng eno, a re batsadi ba latlheletse thuto ya bana le ntswa e le bone ba nnang nako e ntsi le bana kwa malapeng.

A re bontsi jwa bone ga ba ke ba leba dibuka tsa bana go bona gore a ngwana o dira sentle.

A re batsadi ga ba a tshwanela go supa barutabana ka monwana fa bana ba sa dire sentle mo dithutong tsa bone.

Mopalamente a re go tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana ke gone mo go ka dirang gore batsadi ba nne gaufi le bana.

Mo go tse dingwe, mopalamente o ne a supa fa a itumelela ditiro tsa ditlhabololo tse di akaretsang maemelo a masha a dipalamo tsa setshaba, ditsela tse di tshetsweng sekonotere mo kgaolong ya Borakalalo le ntswa a re ga go a lekana a re ditlhabololo di tshwanetse tsa tsamaelana le matshelo a batho.

Mo diphuthegong tseo, batho ba ne ba ngongorega ka botsamaisi jwa kokelo ya Scottish ba re ga ba dire mo go lekaneng go thusa batho ka bofefo. 

Mme Senkepeng Itumeleng ene o kopile puso go akanyetsa balwetse ba sukiri ba matshelo a bone a sa ntseng a le kwa tlase go sekwa sekwa gore le bone ba phakisiwe dijo.

Kwa kgaolwaneng ya Garanta batho ba ngongoregile ka koporase ya motlakase gore e bonya go ba gokelela motlakase mo malwapeng.

 Rre Oadisa Gaelebale a re ga ba robadiwe ke beng ba diteraka baba epang mmu o o agang mo kgaolong eo e se kafa molaong mo e bileng ba setseng ba epile lefuti le le borai mo matshelong a bana.

A re se se ngomolang pelo ke gobo mapodisi ba seke ba tsiboga fa ba ikuela ka tiragalo eo.

Ba ngongoregile gape ka koporase ya metsi ya Water Utilities gore e tsaya nako e telele go ba tshelela metsi mo ditankeng tse di ba nosang.

Fa a tsibogela dingwe tsa dilelo tsa bone mabapi le bodiredi ja kokelo,  mopalamente o ne a bolelela batho mo diphuthegong tseo fa ba  kile ba ikopanya le bodiredi jo bogolwane jwa Scottisheo, mme a solofetsa fa ba tlaa ikgata motlhala ka jaana go lebega fa go sa ntse go na le dilo tse di sa dirweng sentle . Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Dinah Mfulwane

Location : Molepolole

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 11 Nov 2015