Puso e nonotsha itsholelo - Molale
10 Nov 2015
Tautona Lt Gen Seretse Khama Ian Khama a re puso ya e tsere tshwetso ya go tsaya madi mo dipolokelong tsa yone tse di kwa ntle ga lefatshe leno go rudisa le go nonotsha itsholelo.
Tautona Khama o ne a tlhalosa gape gore thulaganyo e, e tlaa bo e itebagantse le Batswana ka go farologana, ka gore le tlaa ama makgamu a itsholelo a le mantsi jaaka; tsa dikago, botsogo, thuto, bojanala le temo-thuo.
Fa a tlhalosa maikaelelo le maikemisetso a thulaganyo e ka botlalo mo potsolotsong bosheng, Tona wa Ofisi ya ga Tautona le Bodirelapuso, Rre Eric Molale, a re puso e ititeile sehuba go dira ka natla go nonotsha, go rudisa le go godisa itsholelo.
Selo se, Rre Molale a re ke nngwe ya maiteko a ka one puso e ikaelelang go tlhamela Batswana ba le bantsi ditiro gore ba tle ba kgone go itshetsa.
Ka thulaganyo e ya go rudisa itsholelo, Rre Molale a re puso jaanong e tsene mo kgatong ya bobedi ya go simolola go nonotsha seemo sa itsholelo gore e gole ga mmogo le go tlhama ditiro.
Ka 2008 fa lefatshe lotlhe ka bophara le welwa ke seru sa kwelotlase ya itsholelo, Rre Molale a re maikemisetso a puso ya Botswana e ne ya nna go fokotsa manokonoko a kwelotlase ya itsholelo mo lefatsheng lotlhe ka bophara.
Ka nako eo, ka maiteko a go leka go babalela itsholelo le go tsibogela manokonoko a seru se sa kwelotlase ya itsholelo, tona a re mafatshe a mangwe a ne a koba batho mo ditirong.
Go na le go koba kgotsa go fokotsa bodirelapuso mo ditirong, Rre Molale a re puso ya Botswana e ne ya tsaya kgato ya go seegela ditiro dingwe tsa puso kwa thoko gore di tle di dirwe manokonoko a kwelotlase ya itsholelo a sena go kokobela.
“Mo godimo ga moo, re ne ra ba ra direla bodirelapuso lenaneo la Recession Relief Allowance. Ra dira mananeo a a farologaneng go fokotsa manokonoko a kwelotlase ya itsholelo, ka gonne ka nako eo itsholelo e ne e sa gole, ditiro le tsone di sa bonale ka seelo se se tlhokafalang,” ga tlatsa Tona Molale.
E re ntswa lefatshe le ise le tswe gotlhelele mo seemong sa kwelotlase e ya itsholelo, Rre Molale a re puso e bone go tlhokafala gore jaanong e simolole go rudisa seemo sa itsholelo, gore e nonofe e tswe mo manokonokong a, le go tlhama ditiro gore Batswana ba bereke ba kgone go itshetsa.
“Mo godimo ga moo, mananeo a a ntseng a le teng jaaka la nyeletso lehuma le a mangwe, a tlaa bo a oketsa maikaelelo a lenaneo le, gore Motswana mongwe le mongwe fa a leng teng a a akole. Jaanong ke sone se re buang ka lenaneo le la Economic Stimulus Programme.”
Maitlamo le maikaelelo a puso ya Botswana, a re ke go tsamaisa itsholelo ka tsela e e leng gore Motswana mongwe le mongwe o kgona go akola meamuso ya yone. Ka jalo, a re ka thulaganyo e, puso e batla go nonotsha itsholelo gore e simolole go gola gore Batswana ba tle ba bone ditiro.
Le fa go ntse jalo, tona o tlhalositse gore lenaneo le la go rudisa itsholelo ga se kgang e e tlaa bong e lebagane bodirelapuso fela. A re bontsi jwa tiro e tlaa bo e lebagane le bagwebi ba ba ikemetseng.
Bodirelapuso bone, a re bo tlaa bo bo lebagane thata le go netefatsa gore a go na le boleng mo go se se dirwang, a dikonteraka di duelwa ka nako le gore fa madi a tshwanetse go tswa go ya go dira sengwe, a tswa ka nako.
Tona o gateletse gape gore tsosoloso e ya itsholelo, e tshwanetse ya fefosiwa gore e tle e inole Batswana mo mathateng. A re leuba le lone le tlhasetse, jaanong balemi le ba bangwe ba ba ntseng ba tshela ka temo, go bokete mo go bone ka gore temo ya mo Botswana ke ya komelelo.
Ka jalo, ‘go tshwanetse gore go dirwe ka bofefo gore morudiso o wa itsholelo e nne gape selo se ka sone puso e ka namolang Batswana mo leubeng gore ba kgone go itshetsa.”
“Re lebile gore lenaneo le, le goge dingwaga di ka nna pedi, di ka nna tharo. Mme e tlaa re jaanong fa re setse re bona gore itsholelo e a gola, re bo re le tsenya mo mananeong a a ntseng a le teng gale,” ga tlatsa Rre Molale. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : Gaborone
Event : Potsolotso
Date : 10 Nov 2015






