Kwadisang matsalo le dintsho
10 Nov 2015
Banni ba Okavango ba rotloeditswe go kwadisa matsalo, omang le dintsho.
Se se builwe ke tona ya lephata la tsa pereko le selegae, Rre Edwin Batshu fa a ne a simolodisa letsholo la go tsisa kwa bathong ditlamelo tsa ikwadiso mo kgaolong ya Okavango. Tona o tlhalositse fa ba lemogile botlhokwa jwa go nna ba etela dikgaolo.
Tona Batshu o tlhalositse gore lekgotla la ditshaba la UNICEF le ba eme nokeng mo letsholong le, mme la ntsha madi a a kana ka dikete tsa dipula le dikhomputara di le thataro go thusa jaaka badiredi le makgotla a a ikemetseng ka nosi mo kgaolong ba tla bo ba tsena ntlo le ntlwana mo metseng e le masome a mabedi le bobedi mo kgaolong ya Okavango. l
“Ke lemoga thata seabe le go dira mmogo ga UNICEF Botswana jaaka ba sa le ba re eme nokeng go tswa ka 2011 mo tirong e e masisi e,mme le jaana ba ntse ba tshwere ka mokgwa o mongwefela.”
Tona o tlhalositse fa go tlamega mo molaong wa Botswana go dira ikwadiso ya omang, matsalo le dintsho mo malatsing a a beilweng. O tlhalositse fa ikwadiso e e le botlhokwa thata ka di supa fa motho e le Motswana ka boammaaruri. O tlhalositse gape gore di thusa go akola meamuso le ditlamelo tsa puso.
Mongwe wa ba ba neng ba sena omang Rre Karuru Divavo o tlhalositse gore o itumetse fela thata ka ba tliseditswe ditlamelo. O buile gore go ntse go le dingalo go bereka mo ipelegeng ka a sena Omang. O tlhalositse gore mabaka a go tlhoka madi ke gone go mo diileng go dira Omang.
Kgosi Bonang Karundu wa Beetsha, o tlhalositse gore puso e dirile maiteko a magolo go etela metse bogolo jang thata e e kgakala le ditlamelo,jaaka Gudigwa e le go di ba atumetsa. O gakolotse banni ba Okavango go dirisanya le bodiredi sentle ebile a dumela fa batho ba le bantsi ba tlaa thusiwa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : Beetsha
Event : Phuthego
Date : 10 Nov 2015






