Breaking News

Se senyeng nako ka go kgalana - Reatile

09 Nov 2015

Modulasetilo wa khansele ya borwa, Rre Mephato Reatile o kopile baruti ba dikereke tsa Kanye gore ba seka ba senya nako ka go kgalana.

A re ba tshwaragane gore tiro ya go bopa setshaba e tle e kgonege. Rre Reatile o buile jalo kwa kgotleng kgolo ya Ga-Ngwaketse jaaka dikereke di ne di kopanetse teng go rapelela molelo wa kgolagano.

A re baruti ba tsaya nako e telele ba kgala dikereke tse dingwe,  ntswa tiro ya baruti  e kgolo e le go rera lefoko la Modimo e seng go supana ka menwana.

Rre Reatile o ne a kopa gore molelo wa kgolagano o golaganye baruti gore go seka ga nna le ba ba reng bone ga ba tsene lekgotla la baruti, a re yo o buang jalo a itse gore ga se yo o  agang  ke yo o thubang.

O bile a kopa baruti go rapela thata gore pula e tle e ne.

 Father Mantu o ne a neelwa sebaka sa go abela bangwe ba batho ba ba tlhokileng lesego dimpho go tswa kwa lekgotleng la baruti.

Baruti ba ne ba bolela fa ba bone go le botlhokwa gore mowa wa kutlwelobotlhoko o simologe ka bone, mme ba gopole ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng.

Father Mantu a re e le ba lekgotla la baruti ba ne ba tsena ntlo le ntlwana ba kopela batho ba ba tlhokileng lesego mme ba bona dikobo di fera bongwe le kolotsana e e dirisiwang ke ba-na-le bogole.

 Fa a leboga, modulasetilo wa lekgotla la baruti la Kanye, Moruti Koolopile Pema o ne a re e le ba lekgotla la baruti ba ikaeletse go dira le bodirelapuso jo bo mo motseng.

Moruti Pema a re baruti ba tlhoka badirelapuso mme badirelapuso le bone ba tlhoka baruti. O bile a bolelela kgosi Kebapetse Telekelo gore fa ba batla baruti ba teng nako nngwe le nngwe.

A re Kgosi Telekelo o kopile gore baruti ba bue le diphuthego ba di kgothatse go dira loaro lwa borre lo lo babalesegileng, a re mme le ene o eletsa go bona baruti ba kgothatsa bana ba bone kwa dikerekeng gore ba ye go dira loaro lo.

Rre Pema o ne a kopa baruti ba Kanye le tikologo gore ba gatele pele ba seka ba boela kwa morago.   

Mongwe wa bagwebi ba Kanye e bile e le moruti wa kereke ya Muslim, Moruti Sakiri Khan e ne o ne a re pula e kganelwa go na ke maleo a batho jaaka go tlhoka go utlwa ga bana le batho ba ba bolayang ba bangwe.

Moruti Khan a re Modimo ga o rate dilo tse, ke sone se pula e ganang go na. Morago o ne a rapelela pula. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : Kanye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 09 Nov 2015