Breaking News

FNBB Culture Spears ba abela sekolo

09 Nov 2015

Mothusa mogokgo wa sekole se se botlana sa Moiyabana, Mme Matlhogonono Gaamangwe o lebogetse mpho ya ntlwana ya burutelo ya bananyana ba ba yang go dira lokwalo lwa ntlha ngwaga o o tlang.

O ne a amogela mpho e, e e rotloeditsweng ke setlhopha sa mmino sa Culture Spears le banka  ya First National mo Botswana (FNBB).  

Mme Gaamangwe a re ntlwana e, e tlaa ba thusa go alosa bana ba ba kgonang go gaisana le ba bangwe lefatshe ka bophara le go ntsha maduo a tlhwatlhwa, a supa gore ngwaga o o tlang ba tlaa simolodisa mophato wa bananyana mo  sekoleng seo. 

Mogolwane wa Culture Spears, Rre Kabelo Mogwe a re ntlwana e ya borutelo e gaufi le pelo ya gagwe,mme a kopa gore e tlhokomelwe.

 “Thuto e fa motho sebaka sa go phadisanya le ba bangwe, bogolo jang fa ba batla tiro. Tsholofelo ya rona ke go bona maduo a bana ba ba tswang mo Moiyabana a fetoga a kgatlhisa.”

Mogolwane go tswa kwa FNB ya Serowe, Rre Ratsela Segwati o ne a re ba simolotse mokgatlho wa dithuso ka 2001.

A  re ba dirisitse didikadike di le masome a mararo le bobedi mo dithusong tse di farologanyeng tse di lebaganeng le ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng lefatshe ka bophara. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Chendzimu Themba

Location : Serowe

Event : Kabo Dimpho

Date : 09 Nov 2015