Breaking News

Dikwena di tlhasetse kwa Maun

09 Nov 2015

Mogolwane wa lephata la diphologolo le makgabisa naga Rre Bolt Othomile o supile fa go kgala ga metsi mo dinokeng tsa Nhabe go dira gore batho le diphologolo di tlhaselwe ke dikwena tse di nnang mo megobeng e e setseng. Rre Otlhomile o tlhalositse se mo puisanong le BOPA. 

Rre Otlhomilwe a re mogote o o feteletseng o dira gore dinoka di kgale mme metsi a a salang a itire megobe e mo go yone go nnang dikwena, le dikubu le diphologolo tse dingwe tsa metsi

A re go supafala gore mo dikgweding tse pedi, kgwedi ya Lwetse le Phalane go gatisitswe dikgang di le lesome tsa go jewa ga leruo ke dikwena mo dinokeng tsa Boro, Thamalakane Botlhabatsatsi le Bophirima le Xwexwa.

A re bosheng go nnile le kgang e monna mongwe a neng a tlhaselwa ke kwena kwa Tsanekona.

Rre Otlhomilwe a re monna yo o ne a ba tlhalosetsa gore o ne a re o itimola mogote ka go tlhapa mo nokeng mme ka go tlhoka lesego o ne a tlhaselwa ke kwena ya kgaola letsogo la gagwe ya sia ka lone.

“Le fa go ntse jalo, monna yoo a re go ne ga atumela kwena nngwe e re e a mo tlhasela ka lesego ga tlhaga mokoro o batho ba neng ba le mo teng ba mo thusa ka go mo inola mo metsing.” ga bua Rre Otlhomilwe.

Rre Otlhomilwe o gakolola batho ba ba nnang go bapa le dinoka go nna kelotlhoko mo diphologolong tse di nnang mo metsing ka gore di borai e bile di tlaa ba gapela matshelo fa ba sa itlhokomele.

O ne a tlhalosa gore ba lephata la diphologolo le makgabisa naga ba dira dipatlisiso tsa go bona gore dikwena di ka tswa di le dintsi mo megobeng efe le gone gore ba ka di fudusetsa kae fa di leng dintsi teng go di isa kwa di seng dintsi teng.

Rre Otlhomilwe o supile fa ba tsile go baya mekwalo ya go tsibosa setshaba ka diphatsa tsa diphologolo tsa noka mo megobeng e e teng.

O rotloeditse banni gore ba emise go tlhapa le go tlhatswa mo dinokeng ka gore seo se baya matshelo a bone mo diphatseng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Edith Sebati

Location : Maun

Event : Potsolotso

Date : 09 Nov 2015