Sekole sa Dikgatlhong se a ikgaratlhela
09 Nov 2015
Mogokgo wa sekole se se botlana sa Dikgatlhong mo kgaolong-potlana ya Lentsweletau are ba tsweletse ka go iteka ele sekolo le fa ba na le matlhoki a le mantsi.
E rile fa a tlhalosa bosheng mo potsolosong, mogokgo wa sekole seo, Mme Keabadile Oaitse a supa fa sekole sa bone se na le dingwaga tse dintsi se sa tlhabololwe le ntswa ba nna ba ikuela kwa go ba khansele go tla go se tokafatsa.
O ne a tlhalosa fa bana ba sekole ba dikile ba feditswe ke mariga ka jaana matlwana a bone a borutelo a sena moalo wa marulelo o o fokotsang serame.
O ne a tswelela a tlhalosa fa mo sekoleng sa bone ba sena le fa e le khompiutara e le nngwe fela, kgang e a tlhalosang fa e tshwenya thata ka jaana baithuti ba tshwanetse go rutwa go dirisa dikhompiutara ba santse ba le mo dikoleng tse dipotlana.
O ne a tlhalosa gore, e re ntswa baithuti ba sekole se ba dira sentle, ba ne ba ka dira go feta fa ditlamelo tsa go nna jalo di ne di le teng.
O ne a bua fa ba sena motshine o o ntsifatsang dipampiri, mme a re se e nna kgwetlho e tona fela thata mo sekoleng sa bone ka jaana ba tshwanelwa ke go nna ba kopa kwa dikoleng tse dingwe kgotsa maphata a puso kwa le gone ba kgonang go fitlhela ya bone e sa bereke mme go reye gore baithuti ba kwala ditlhatlhobo nako e ile.
O ne a tswelela a re ba na le baithuti ba sekole sa matlhagolela tsela ba le lesome le bone mme bothata e le gore ga ba na didirisiwa tse ba ka di dirisang go tshameka go itshidila mmele.
O ne a tlhalosa fa go le botlhokwa thata gore moithuti wa mohuta eo, a itshidile mmele mme e bile a tlwaediwe gore itshidilo mmele ke selo sa botlhokwa.
A re ba ne ba ikopanya le batsadi go fana maele a go ka batlela baithuti ba didirisiwa tseo tsa itloso bodutu.
O ne a ikopela mo go bo radikompone go ba thusa go tlhabolola sekole sa bone, mme a akgolela baithuti boitshwaro jo bontle jo ba bo supang ka jaana a re ba a laolesega e bile go lemosega fa batsadi ba dira tiro e ntle ya go ba aga. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gofaone Makhaya
Location : Letlhakeng
Event : Potsolotso
Date : 09 Nov 2015






