Breaking News

Mokhanselara o akgola badirelapuso

09 Nov 2015

Mokhanselara wa kgaolo ya Kauxwi/Xakao mo kgaolong-potlana ya Okavango Rre Television France o akgotse komiti ya badirelapuso ya motse wa Xakao ka maiteko a go ntsha batho mo lehumeng ka go rekela motlhoki wa kgotlana ya Mabudutsa Mme Kavata Resheko dimpho.

Mme Resheko o reketswe dijo, diaparo, dilwana tse di jelang ga mmogo le didirisiwa tsa mo lapeng di akaretsa setilo le kobo.

Le fa gontse jalo o ne a leboga morutabana wa sekole se sebotlana sa Xakao Rre Possent Masingizane yo o neng a ithaopa ka go ntsha koloi ya gagwe go dirisiwa fa go tlhabololwa ntlo ya ga Mme Resheko.

Mokhanselara o ne a rotloetsa banni go tlhabantsha semorafe mme ba tshwaragane go tlhabolola motse le matshelo a bone.

Fa a ntsha la gagwe, modulasetilo wa komiti ya badirelapuso mo kgaolong eo mme Ngonda Setlhare, a re ba tsamaya mo motlhaleng wa moeteledi pele wa lefatshe leno go leka go lere seriti mo go bao ba ba sa nnang lesego mo botshelong.

Mme Setlhare yo gape e leng mogokgo wa sekolo se se botlana sa Xakao a re ba tlamegile go tsibogela matshelo a batho ba ba berekelang kwa go bone e le tsela ya go supa lorato.

O supile fa baeteledipele e le barongwa e bile goromente a ka se kgone go tsibogela matshelo a batho lefatshe ka bophara a le nosi mme bao ba ba kgonang ba tshwanetse go tsamaela kwa pele go mo thusa.

Fa a mo kgwa dikgaba modulasetilo wa komiti ya tlhabololo metse Rre Mathata Kashongo, o lebogile tiro e e dirilweng ke badirelapuso, a tlatsa ka gore ke lantlha go diragala tiro e ntle jalo mo motseng wa bone.

O ne a supa fa dimpho tseo di le maleba e bile di le dintsi mo matlhong a Modimo.

Le fa go ntse jalo o ne a leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo go direng tiro eo mme a ba kgothatsa go tshwaragana fela jalo go ya pele.

Fa a ntsha la gagwe morotloetsi, Rre Motsamai Poroto o ne a leboga lorato la badirelapuso ba ba tswang kwa mafelong a a farologaneng mme ba kgona go lemoga botlhoki jwa ga mme Resheko le go supa lorato mo go ene ka go mo thusa.

Fa a ntsha la gagwe yo o thusitsweng mme Resheko o ne a lebogela dimpho tseo mme a supa fa lesedi la lorato le tlaa phatsima mo dipelong tsa bone go ya kwa pele. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kesentseng Baagedi

Location : Xakao

Event : Phuthego

Date : 09 Nov 2015