Ba rotloediwa go kwadisa ditsha
09 Nov 2015
Moemedi wa lekgotla le lebotlana la kabo ditsha la Molepolole Rre Spunch Masilomangwe o rotloeditse banni go iketleeletsa go ya go kwadisa ditsha tsa bone.
Rre Masilomangwe o buile jalo mo phuthegong ya kgotla ya Mopalamente wa Molepolole Bokone Rre Mahhomed Khan, kwa Goo-Thipe. O tlhalosiste fa go dira jalo go tlaa thusa mo go atoloseng peo ya ditsha le ditlhabololo tsa motse. A re ditsha tse e leng matlotla, go tlaa senkwa beng ba tsone ba ba di kgathologileng, go ba rotloetsa go di tlhabolola go thusa go fetola tebego e e sa itumediseng ya motse ka bophara.
Rre Masilomangwe o tsweletse ka go tlhalosa fa kwadisetso ditsha e simolotse ngogola mme e tlaa tswelela go fitlhela ngwaga o o latelang.
O ne a tsibosa banni gape ka molao o mosha wa ditsha gore go laotswe gore, motho o tlaa abelwa setsha gangwe a gakolola ba ba rekisang tsa bone gore ba bo ba itse se ba se ikantseng.
Mo go la gagwe, mopalamente wa Molepolole Bokone, Rre Khan, o gakolotse morafe gore o tshwanetse go tshwaragana le go dirisana ka se se ka thusa le go fefosa ditlhabololo mo motseng.
Mo go tsa thuto, Rre Khan o tlhalositse fa e rile ba lemoga maduo a thuto a ya kwa tlase a sekole se segolwane sa Kgari Sechele II, a tswa leano le bagolwane ba bangwe go leka go rotloetsa baithuti go tlhwaafalela dithuto tsa bone.
Khan a re e ne ya re ka kabo ya dimpho ba rekela bana dimpho di tshwana di laptop le Ipads tse di ka dirisiwang ke baithuti mo thutong ya bone ka boranyane.
A re se se itumedisitse baithuti thata a re o lemoga fa ba bangwe ba gwetlhegile go itsolopanya mo dithutong go ipona le bone ba tsaya dimpho tsa mofuta o.
O tlhalositse fa e tlaa re mo ngwageng oo tlang ba simolodise gore sekole sengwe le sengwe mo motseng ka nako ya kabo dimpho, go abelwe bana dimpho tse di ka ba solegelang molemo le go ba rotloetsa mo go tsa thuto.
Fa ba akgela, mongwe wa banni mme Mainane Puso o ntshitse ngongorego ka ditirelo tsa sepatela sa Scottish Livingstone a re malao ga a itekanela go ka robala balwetse ga mmogo le gore dikobo di a tlhaela.
Puso o tsweletse ka gore go lebega le bodiredi kwa sepatela bo tlhaela ka molwetsi a kgona go bewa malatsi gotwe ga gona yo o ka mo thusang. Le fa go ntse jalo, mopalamente Khan o kopile banni go dirisanya le bodiredi sentle, a re lefa ditirelo e se tsone ba ikuele jaaka go tshwanetse, a tlhalosa fa a tlaa latedisa dikgang tse morafe o ngongoregang ka tsone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Thandie Keitumetse
Location : Molepolole
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 09 Nov 2015






