Mokgatlho o lwantsha borukutlhi
09 Nov 2015
Mokgatlho wa Botswana Institute of Rehabilitation and Reintegration of Offenders (BIRRO) o itlamile go thusa go lwantsha borukutlhi jo bo apesitseng Old Naledi kobo ka letshoba.
E rile a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Old Naledi mo Gaborone ka Labotlhano, modulasetilo wa mokgatlho, Rre Mothei Sejakgomo, a re ba na le leano le ba tsileng ka lone go leka go tshwara dirukutlhi mo Old Naledi.
O supile gore le ntswa banana ba kgaolo eo ba amega mo ditirong tsa borukutlhi, bana ba dikgaolo tse di gaufi jaanong ba bone seipato sa go dira borkukutlhi mo Old Naledi ka go tlwaelesegile ka jone.
O kopile banni ba motse go nna le mowa wa popagano go lwantsha borukutlhi mme ba tlogele dikgang tsa bo nna ga di nkame.
Rre Sejakgomo o supile gore borukutlhi ga bo na maduo ape a a molemo, se motho a ka se robang fela ke leso, a tlatsa ka gore dilo tsa borukutlhi di futsegile.
A re dipalo tsa bana ba Old Naledi ba ba mo dikgolegoleng di a tshwenya, o gateletse gore fa thupa e ka lela kgotla e tlaa busetsa bana ba dirukutlhi, mo tseleng e e molemo a bo a rotloetsa mowa wa thapelo.
Fa a tswa la gagwe, leloko la mokgatlho o, Rre Akanyang Korong o rile dipatlisiso tsa bone di supile fa ditiro tse tsa borukutlhi di bakiwa ke dilo tse di tshwanang le lehuma, letlhoko la ditiro, go nwa bojalwa le ditagi phetelela.
E rile ba iteela kobo moroko makhanselara a motse wa Old Naledi le one a supa fa ba itse ka dikgang tse tsa borukutlhi e bile di ba tshwentse fela thata.
Ba kaile fa menwana e supa batsadi ka monwana ka ba bipa mpa ka mabele, ba sireletsa bana ba bone fa ba dirile melato, mme se se ka ke se thuse ka sepe, sa bofelo motsadi o iphitlhela a le mo melatong le bone.
Ba supile fa kgang ya borukutlhi e sa lebagana mapodisi le kgosi fela, ba kopa gore morafe o tsenye letsogo mo go lwantsheng borukutlhi go aga motse o go ya pele, ba rotloetsa gore bana ba kgalemiwe mo malapeng.
Ha morafe o kgwa dikgaba ba ne akgola mokgatlho wa BIRRO go bo ba dira tiro e ntle e ya go lwantsha borukutlhi mo motseng wa bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Thusoyaone Sechele
Location : Gaborone
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 09 Nov 2015






