Mokgatlho o abela mogodi
09 Nov 2015
Mokgatlho wa ba-na-le bogole wa Re Aga Mmogo kwa Metsimotlhabe o tshwaragane le wa bopelotlhomogi wa Letsogo le le Abang go tswa Mmopane o abetse Mme Balatlhegi Lekwape dijo tsa madi a a fetang makgolo a supa a dipula.
Fa a amogela baeng kwa moletlong wa go rola dijo tseo, modulasetilo wa Re aga Mmogo, Mme Dinah Kgatwane, o ne a re ntswa ba na le tlhaelo e ntsi ya madi e bile go tlwaelesegile gore mekgatlho e e tshwanang le wa bone e nne yone e fiwang dithuso tsa mothale oo, ba bone go le matshwanedi go abela Mme Lekwape ka a sa kgone go itirela sepe ka ntlha ya bogodi gape a tshela ka bogole morago ga go tlhaselwa ke bolwetse jwa go swa mhama.
Mme Kgatwane a re ba itlamile go thusa fa ba kgonang teng ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng ka ba setse ba bone batho ba bangwe ba le babedi ba ba nang le keletso ya go ba thusa.
Fa a tswa la gagwe, moemedi wa mokgatlho wa Letsogo le le Abang, Rre Titagano Orifinyane a re e le ba mokgatlho o wa bopelotlhomogi ba ne ba thulanya ditlhogo go bona gore ba ka thusa jang mme ba felela ba dumalana gore mongwe le mongwe wa bone a ntshe lekgolo la dipula.
Fa a tswa molomo, Mme Lekwape o ne a supa fa a itumetse thata e bile a amogela dithuso tseo ka di tlaa mo tshegetsa malatsinyana.
Mokhaselara wa Metsimotlhabe, Rre Pelaelo Oreetseng le ene o lebogetse dimpho tseo, a re Re aga Mmogo e tswelele ka lorato lo e lo supang mo go ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng.
Kwa pheletsong o ne a kopa Mme Dineo Lekwape, yo e leng morwadia Mme Lekwape go tlhokomela se ba se filweng le go tswelela ka go tlhokomela mmaagwe. Ends
Source : BOPA
Author : Thabiso Keiphetlhetswe
Location : Letlhakeng
Event : Kabo Dimpho
Date : 09 Nov 2015






