Nako ya tiro e kgoreletsa tlhokomelo ya matimela
09 Nov 2015
Mookamela ofisi ya matimela mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Lerang Phala, a re ba tshwentswe ke go tlhoka tshireletsego ga matimela a a mo tlhokomelong ya bone, bogolo jang ka nako ya go se na go gololwa.
Rre Phala re se ke ka go bo ba fiwa madi a phutho ya matimela ke puso mme ba sa fiwe madi a tshireletso ka ba ba thapilweng ba bereka fela ka dinako tse di tlwaelesegileng tsa puso, mme se se raya gore morago ga dinako tse tsa pereko dikgomo di sala di se na yo o di tlhokometseng.
A re se se fa magodu sebaka sa go utswa loruo loo.
O supa fa babereki ba sa kgone go thusa barui morago ga nako ya go golola ka ba sa duelelwe madi a go bereka morago ga nako. A re le fa ba ba thusa e a bo e le setho fela ka bontsi bo a bo bo tswa kgakala.
O supa fa madi a ba a fiwang mo phuthong ya matimela a fela ka pele ka kgaolo ya bone e le bophara mo go felelang go baka bogodu jwa matimela.
Mo go tse dingwe, Rre Phala o tlhalositse fa ba tsweletse ka go baakanya masaka a matimela ka mangwe a nna lebaka a sa tlhatlhele mme a felele a nna le ditampana le mangodu.
O tlhalositse gape fa ba tshwentswe ke barui ba ba sa ntseng ba ipeela matimela mo masakeng a bone, a re se se ba ketefaletsa tiro ya go a phutha.
O supa fa thekiso ya matimela e tsweletse ka gore ba setse ba rekisitse kwa lesakeng la Diphuduhudu, mme a rotloetsa barui go iketleeletsa go ya kwa masakeng a matimela go bona loruo pele ga lo ka rekisiwa.
O bile a kopa barui go golola loruo lwa bone pele lo rekisiwa, a supa fa ba tlaa rekisa matimela a masaka a Khekhenye le Masope kgwedi e e tlang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Matlhogonolo Madianakedi
Location : Letlhakeng
Event : Potsolotso
Date : 09 Nov 2015






