Ba Okavango ba rotloediwa go kwadisa matsalo
08 Nov 2015
Banni ba metse e e kwa kgaolong potlana ya Okavango ba rotloeditswe go kwadisa matsalo, omang le dintsho.
Se se builwe ke tona wa lephata la tsa pereko le selegae, Rre Edwin Batshu, fa a simolodisa letsholo la go isa ditlamelo tsa ikwadiso kwa kgaolong eo. Tona o tlhalositse fa ba lemogile botlhokwa jwa go nna ba etela dikgaolo bogolo jang thata ba ba kgakala le ditlamelo.
Tona Batshu o tlhalositse gore lekgotla la UNICEF le ba eme nokeng mo letsholong le mo ba ntshitsla eng dikete tsa dipula le di khomputara di le borataro go thusa jaaka badiredi le makgotla a ikemetseng ka nosi mo kgaolong ba tla bo ba tsena ntlo le ntlwana mo metseng e le masome a mabedi le bobedi mo kgaolong ya Okavango.
“Ke lemoga thata seabe le go dira mmogo ga UNICEF Botswana jaaka ba sale ba re eme nokeng gotswa ka 2011 mo tirong e masisi e, mme le jaana ba ntse ba tshwere ka mokgwa o mongwefela.”
Tona o tlhalositse fa go tlamega mo molaong wa Botswana go dira ikwadiso ya omang,matsalo le dintsho mo malatsi a beilweng.
O tlhalositse fa ikwadiso e e le botlhokwa that aka di supa fa o le Motswana ka boammaruri. O tlhalositse gape gore di thusa go akola meamuso le ditlamelo tsa puso.
Mongwe w aba ba neng ba sena omang rre Karuru Divavo o tlhalositse gore o itumetse fela that aka ba tliseditswe ditlamelo. O buile gore gontse go le dingalo le go bereka mo ipelegeng ka a sena omang o tlhalositse gore mabaka a go tlhoka madi ke gone go mo diileng go dira omang.
Kgosi ya Motse wa Beetsha Kgosi Bonang Karundu o tlhalositse gore puso e dirile maiteko a magolo go etela metse bogolo jang thata e kgakala jaaka Gudigwa e le go tlisetsa batho ditlamelo tsa ikwadiso.
O gakolotse banni ba Okavango go dirisanya le bodiredi sentle ebile a dumela fa batho ba le bantsi bat la thusiwa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : Beetsha
Event : Bokopano
Date : 08 Nov 2015






