Breaking News

Morafe o kgothaditswe go ipelega

08 Nov 2015

Mopalamente wa Tati  botlhaba,  Rre Samson Guma o kgothaditse dikgosi le dikomiti tsa metse ya ditlhabololo  go tsosolosa mowa wa go ipelega ka go

O buile seo mo phuthegong ya thuto seka-dipuisano kwa Francistown.  

Rre Guma o kopile baeteledipele go ema ka dinao go agela baithuti ba sekole  se se segolwane sa Shanganai kwa  Tsamaya  matlo a boroko , morago ga go utlwa ka matshwenyego a a apesitseng baithuti  bao kobo ka letshoba.

O rotloeditse morafe wa metse ya Siviya, Tsamaya, Tshesebe, Jackals 2, Mowana le Mabudzani go sireletsa matshelo a bana ba bone. O kgotlhaditse  morafe go nna le seabe mo go tlhabololeng lefatshe la bone ka jaana puso e ka seke e kgone morwalo oo e le nosi.

Rre Guma a re mo ngwagang tse di lesome le boroba bobedi tse di fetileng puso e dirisitse madi a P1.2b go emeletsa ditlhabololo mo kgaolong ya gagwe, le fa go ntse jalo ga go ise go lekane mo eneng e go eleditse.

A re jaanong go maruding a morafe go thusa puso ga mmogo le gone go sireletsa thuto ya bana ba bone, atlatsa ka gore thuto ga e tswe boleng ke selo sa se nnela ruri.

O boletse fa mowa wa boipelego o supagetse fa o nyelela ka bonya le fa go ntse jalo se  jaanong se dira gore  batho ba lebe kwa pusong go e fa sengwe le sengwe,

E ne ya re go le pele Mogokgo wa Sekole Sa Shangani Mme Ndinaani Mandevu  a o tlhalosa  fa baithuti ba tsamaya sekgele sa dikhilometara tse di masome a mabedi le bone, go ya go masome a mabedi le borataro go latlela dithuto.

Selo se a kaileng ele sone sekgoletsi mo maduong a baithuti ka bana bontsi jwa nako ba goroga thari kwa sekolong, ebile batla ba lapile ke mosepele.

Mo godimo ga moo o ne akaya go tsamaya sekgele ga baithuti go le borai mo matshelong a bone ka jaana bangwe ba sa sireletsega mo dilalomeng le gone go tshaba sekole tota.

Baeteledi-pele ba metse e supa eo ba ne ba supa fa ba amogela mogopolo oo ka diatla-tsoo pedi mme ba tlhalosa fa ba tlaa tshwara ka nata go bona gore tiro eo e ya digadiwa.

Ba re seo e tlaa nna mangwe maiteko a go diragatsa maikemisetso  a tebelo-pele ya setshaba ya ngwaga wa 2016. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : Francistown

Event : Thuto puisano

Date : 08 Nov 2015