Breaking News

Ditlhare le dithunya di tshwere Bose

09 Nov 2015

Batswana bangwe ba tsweletse ka go leka bojotlhe go itlhamela ditiro go na le go ikaega mo pusong.

Mongwe wa bone ke Mme Mmoledi Bose wa dingwaga  tse di masome a supa le botlhano yo o tlholegang kwa kgotleng yoora-Bose kwa Mogonye.
Mme Bose o lema ditlhare tsa maungo ga mmogo le dithunya  tse di kgabisang .

A re o simolotse kgwebo ya go lema ditlhare le dithunya ka ngwaga wa 1998 a santse a berekela kwa lephateng la temo thuo kwa Gaborone mme yare a tlogela tiro ka bogodi ka ngwaga wa 2000 a bona go le maleba g o ijesa ka kgwebo eo ka e bile a ne a ntse a rata tiro e.

Mme Bose o lema ditlhare tsa maungo jaaka dinamoni le dinnaraki, mme setlhare se le sengwe o se rekisa P20. Dithunya tse a di rekisang ke Rose, Benjamin, Scheflera le tse dingwe mme di simolola ka tlhwatlhwa ya P20 sethunya.

A re dithunya le ditlhare tse, o di lema ka mmu o o setseng o bodule o o tswang kwa maropeng a meraka e e gaufi le motse. A re o bapala mmu oo ka dibata go ya go lema ka one ka a lemogile gore ke one o o itumedisang dijalo tsa gagwe.

“E re ntswa ke le mogodi, bogodi jwa me ga bo nkgoreletse ka sepe mo tirong e ya go lema ditlhare e bile ke tiro e ke e dirang ke le nosi ke sa thusiwe ke ope ntswa e le tiro e e boketenyana. Ka dinako tse dingwe ke dirisa maatla a mantsi ke tlhagolela ditlhare tse go ntsha mhero”, Mme Bose a tlhalosa.

A re ntswa kgwebo e sa busetse dipoelo tse di kgotsofatsang o itumelela gore fa khansele potlana ya Moshupa e dirile letsatsi la theko le thekiso o bona dipoelo tse di botoka. A re o lebogela gore go dira jalo ba rotloetsa kgwebo ya gagwe.

Le fa go ntse jalo Bose a re mo ngwageng eno ga  a dira dipoelo jaaka dinako tsotlhe ka letlhoko la metsi le ile magoletsa. A re seemo seo se dirile gore ditlhare di swe ka bontsi ebile dithunya tsa rose di jewe ke tsiakgope. A re ke poelo-morago ka jaana go tsaya sebaka go boela mo seemong sa dinako tsotlhe.

“Ke eletsa go leboga mothusa tautona Rre Mokgweetsi Masisi yo gape e leng mopalamente wa kgaolo go bo a nthotloetsa fela thata ka e le mongwe wa bareki ba tlhwatlhwa ka a reka ditlhare tsa me thata e bile a nthotloetsa gore ke seka ka tlhoboga kgwebo e le fa e ka wela tlase”, ga leboga Mme Bose. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : Mogonye

Event : Potsolotso

Date : 09 Nov 2015