Lentsweletau o tlhoka motlobo wa dibuka
08 Nov 2015
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Lentsweletau, Rre Rogers Kgatitswe, a re motse wa bone o tlhoka go agelwa motlobo wa dibuka o o atologileng.
E rile a bua mo potsolotsong, Rre Kgatitswe a re mo bogompienong go hirisitswe ntlo ya komiti ya ditlhabololo tsa motse, selo se a tlhalosang se sa nna sentle ka jaana ntlo ya teng e le potlana fela thata e bile go dira thata gore go tsenngwe dibuka tse dintsi.
A re selo seo jaanong ke sekgoreletsi mo go ba ba batlang go dirisa dibuka. O ne a tlhalosa fa go agelwa motlobo wa dibuka o o atologileng go tla ngokela banana le batho ba motse go tla go o dirisa go bala le go dirisa maranyane a inthanete.
Rre Kgatitswe o ne a tlhalosa fa ba gokeletswe maranyane a inthanete mo motlobong o ba o dirisang mo bo gompienong le dikhomputara di le tharo, palo e a reng gongwe e kabo ele fa godingana fa nne motlobo oo o le mogolwane.
O ne a tswelela go tlhalosa fa seemo seo se dirwa maswe le go feta ka jaana mo lefelong leo gona le bana ba dingwaga tse di kwa tlase ba ba nnang teng, selo se a kayang fa se ba baa mo diphatseng ka dira di ka nna tsa tsamaela kwa go bone di ipata ka goya motlobong.
O ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore bana ba ba dikole tse di ko tlase go nne le fa ba nnang teng mme ebile le bone ba nne le dikhomputara tsa bone go ba ruta ka maranyane a ba sa ntse ba le bannye.
Rre Kgatitswane o tlhalositse gore, go le gantsi fa bana ba sena se ba se dirang, ba feletsa ba dira ditiro tsa botlhoka tsebe ka jaana ba nna fela ka diatla.
O ne a tlhalosa gore, motlobo wa dibuka o kgapha bana go ka dira sepe fela se se bosula ka jaana ba bo ba na le se ba se dirang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gofaone Makhaya
Location : Letlhakeng
Event : Potsolotso
Date : 08 Nov 2015






