Breaking News

Clicking Innovation e ruta bana khomputara

08 Nov 2015

Mogolwane wa The Clicking Innovation, Mme Tsaone Moloi, yoo thusitsweng ka madi ke lephata la dipalamo le ditlhaeletsanyo a re o ruta bana ba ba senang sebaka sa go ithuta khomputara ko malwapeng le ko dikolong.

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Moloi a re o ruta bana khomputara go simolola mo dingwageng tse tharo.

A re o lemogile fa bana ba tshwara ka bonako tiro ya diatla go na le ya dibuka ebile go ruta ngwana khomputara a sa le mmotlana go ka thusa mo go tlhabololeng thuto gammogo le boranyane.

A re maitlamo a khamphani ya gagwe ke go godisa ngwana wa mosetsana mo kitsong ya maranyane mme gape ba ruta bana ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng mahala.
“Ka malatsi a dikolo a boitapoloso re ne ra ruta bana ba sekolo sa Bana ba Letsatsi mme ga re a kgona go ba ruta botlhe ka ba ne ba le bantsi gape malatsi a boitapoloso a le makhutshwane,” a akgela.

Mme Moloi o supile fa ba ba ruta go dirisa khomputara ga mmogo le go e bula go ba kaela dikarolo tsa yone gore di bereka jang le tse dingwe mme a re go ruta ngwana khomputara go ka mo fa lesedi la go itse go e baakanya fa e na le mathata.

“Go na le dinako tse dingwe tsa go itapolosa mo dithutong tsa khomputara ka ngwana a ka se tseye nako e telele a le mo khomputareng,” a tlhalosa.

Le fa go ntse jalo, Mme Moloi o boletse fa dikgwetlho e le batsadi bangwe ba ba dumelang gore go ruta ngwana khomputara ke go mo fa lesedi la go ithuta dilo tse di maswe mo go yone mme a re go tila se, ga a tsenya internet ka bana ba ka bala tse ba sa tshwanelang go di bala mo yone.

“Kgwebo e e ntsha ka e na le dikgwedi tse tharo e simolotse ebile lefelo le e leng mo go lone le iphitlhile mme se se re baya ka fa mosing gore bareki ba e bone,” ga bua Mme Moloi.

Mme Moloi o tsweletse ka gore o bapatsa kgwebo ka metlhale e e farologanyeng, a re o fa batho mo motseng dipampitshana tsa go supa se kompone e se dirang. O boletse gape fa a e bapatsa mo maranyaneng a Facebook mme o supile gape fa ba atle ba tsenelele mediro ya ICT Pitso le ya go isa maranyane ko bathong.

Gape o kaile fa a na le Mme Agang Dithogo mo kgwebong ee mme a re ba na le kgwebo ya mofuta o ko Gaborone, e e tsamaisiwang ke ene mme yoo. Mme Moloi o kgothaditse banana ka ene go batla seo ba se ratang mo botshelong go dira madi ka sone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gofenyaone Gabosenkwe

Location : Maun

Event : Potsolotso

Date : 08 Nov 2015