Mme mokwatla wa setshaba
09 Nov 2015
Bomme ba mapodisi ba rotleditswe go itse gore ba botlhokwa mo tirong ya bone le mo setshabeng ka kakaretso.
Thotloetso e, e dirilwe ke mmatoropo wa Lobatse, Mme Malebogo Kruger, jaaka bo mme ba sepodisi ba kgaolo ya borwa ba ne ba tshwere letsatsi la moletlo wa go itokafatsa, go ya ka dikitso tsa bone le makgoni a bone go ntsha maduo a maemo a ntlha.
A re mme o botlhokwa jo bo dirilweng ke Modimo, a re puso e lemogile gore bomme ke batho ba ba mabogo dika ba ba berekang ditiro di le mmalwa.
Mme Kruger a re mme yo o nyetsweng, ke motsadi, ke mmereki gape ke moeteledipele, a re mme o tshwanetse go ntsha maduo a a tshwanang le a rre yo a berekang le ene e le lepodisi, mme yo gape ke ene a tlhokomelang ba lelwapa la gagwe, a bafa lorato, a kaela bogolo jang bana tsela ee botoka ya go tshela botshelo jo bo amogelesegang.
E rile a ema mookamela lekalana la ditlhaololo la madi le tsa theko rre Pilane Sebigi a bolelelela bo mme ba mapodisi gore ba tshwanetse gore ba itemoge, gore batle ba lemogiwe ke bagolwane ba bone le sechaba ka kakaretso.
O tsweletse a re bomme ba na le seabe se setona mo sechabeng, a bolela gore letsatsi le la bokopano jwa go itokafatsa ga bomme go botlhokwa ka gore go godisa go itsane ga bone le go ne go abelana maele a botshelo le one a tiro tota.
Rre Sebigi a re boitshwaro jwa bone e nne jo bo supang gore ba rutetswe tiro ka maemo a ditiro tsa bone, a re go botlhokwa gore bomme ba rotloetsane ba emane nokeng lefatshe ka bophara.
A re ba kopanele dikitso tse di molemo, ba gakololane, a re se, ke gone go fetola bosula go bodira molemo, ka maikaelelo a go aga sechaba se se rategang.
Rre Sebigi o tsweletse a tlhalosa gore bomme ba na le bothata jwa go tlhoka go itsaya ka tlhwaafalo dinako tse dinngwe.
A ba kgothatsa go bereka ka tlhwaafalo, a bolela gore go tlhatlosiwa maemo go tlhoka gore ba dire ka tlhwaafalo.
Rre Sebigi o rotloeditse bomme go tokafatsa le go itsise ba bangwe mo mafelong a a farologaneng, go ikoketsa, le go gagamatsa dithuto le kitso tsa tiro e ba e thapetsweng.
Rre Sebigi a re bokamoso jwa chaba bo ikaegile ka mme, le jwa lephata lengwe le lengwe bo beile mo go mme.
A re bomme ga se batho fela ba ntsifatsang palo ya batho , ke batho ba ba nang le tebelopele, gape ba akanya.
O tsweletse a re ba tshwanetse go bereka thata bas a eteletsa dingongorego kwa pele go re ba lemogiwe gape gore ba seka ba tshaba go supa gore ba a kgona.
A re bomme banne kwa pele mo tirong ba nne le tirisano mmogo gore ba tswe ka maduo a bonalang kwa bofelong
Mookamela mapodisi a kgaolo ya bokone mme Dinah Marathe ene o ne a rotloetsa mapodisi bogolo jang bo mme go dira tiro ya bone ka botswapelo, a re ba ikopanye ka go dira tomagano.
Mme Marathe a re bomme ba tshwanetse gore ba thusane, gape ba rotloetsane e le basadi bamapodisi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Lobatse
Event : Moletlo
Date : 09 Nov 2015






