Go lebela kwa pele go botlhokwa
08 Nov 2015
Mogolwane wa Thito Holdings, Rre Nathan Kgabi, o rotloeditse bana ba sekole se sebotlana sa Motetshwane kwa Serowe gore ba nne ba akanyetsa gore fa ba gola ba itlhamele dikgwebo.
A re go dira jalo go ka dira gore letlhoko la ditiro le fokotsege. Rre Kgabi o buile jalo kwa moletlong wa sekole seo bosheng.
O ne a leboga batsadi, le barutabana go bo ba tshwaraganetse bana. A re go direla bana moletlo ke sekao sa kutlwano ya bone. Rre Kgabi a re moletlo o ke kgothatso mo baneng gore ba tsee thuto ka tlhwaafalo.
A re thuto ke bokamoso jwa bana.
O ne a laela bana ba sekole gore fa ba tsena kwa malwapeng ba kope batsadi gore ba ba thuse ka tsa sekole, a re go dira jaana go ka dira gore ngwana a rate sekole ka o tlaa bo a bona thuso mo botsading le kwa sekoleng.
O ne a leboga lephata la thuto go bo le simolodisitse gore bana ba dingwaga tse tlhano ba simolole go ya dikoleng.
Rre Kgabi o ne a abela sekole sa Motetshwane P5 000.
E ile a ntsha la gagwe, Mme Gasenone Kediseng, mothusa motlhokomedi wa ntlo ya di-tsa tlholego kwa Serowe, a kopa batsadi gore ba leke ka bojotlhe go thusa bana tiro ya sekole.
Mme Keledisang o ne a rekela bana dimpho tsa P3 200, go dira jaana e le go etleetsa bana gore ba tsee dithuto ka tlhoafalo.
Mogokgo Ontiretse Kenaope ene o ne a bolela fa sekole sa gagwe se dira sentle mo go tsa thuto ga mmogo le tsa metshameko, a tlhalosa fa bana ba ba balang lokwalo lwa bosupa ba leka fela thata go tswa mo dingwageng tse tharo tse di fetileng.
Mo ngwageng wa 2012 bana ba ne ba fenya ka masome a marataro le bongwe mo lekgolong, mo ngwageng wa 2013 ba fenya ka masome a a ferang bobedi mo lekgolong, fa ngogola ba ne ba fenya ka masome a supa le botlhano mo lekgolong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshepiso Botshelo
Location : Serowe
Event : Moletlo
Date : 08 Nov 2015






