Breaking News

Boitsholo jwa baithuti bo a hatlha

08 Nov 2015

Mogokgo wa sekole se segolwane sa Seepapitso kwa Kanye, Mme Khumo Phori, a re maitsholo a  baithuti bangwe kwa sekoleng sa gagwe ga a jese diwelang.

A re baithuti bao ga ba na botho e bile bangwe ba goga motokwane fa bangwe ba sa tsene sekole sentle.

Mme Phori o buile mo potsolosong bosheng gore go na le setlhopha sengwe sa baithuti se se itsegeng ka go goroga kwa sekoleng morago ga nako e bile se tlhagela ka diphatlha tse di mo terateng ya sekole fa bangwe ba iphitlha mo meseleng e e mo sekoleng ba emetse nako ya dijo mme e re ba sena go ja ba boele mo meseleng eo gape. 

Mogokgo o tsweletse a tlhalosa gore e bile batsadi bangwe ba setse ba kile ba tla go ngongorega gore ba tlhola ba bona bana mo meseleng ya sekole mme ba ipotse gore ba tsenea dithuto leng.

 Le fa go ntse jalo, mogokgo o ngongoregetse gore batsadi ga ba tsene diphuthego tsa batsadi le barutabana, selo se a reng se dira gore ba seka ba itse ka boitsholo jwa bana ba bone kwa sekoleng. 

A re thuto ya bana ga se boikarabelo jwa barutabana fela, a re batsadi ba tshwanetse go tsaya karolo mo thutong ya bana ba bone ka go dira jalo ke gone go eleletsa ngwana katlego mo botshelong. 

Modulasetilo wa komiti ya boitsholo, Rre Durah Leepile le ene o ne a iteela kobo moroko gore boitshwaro jwa bana bangwe mo sekoleng bo a tshwenya.

 Rre Leepile a re go na le setlhopha sengwe sa basimane se se tsamayang se tshotse dithipa, dikere le melamu mme se lwantshe baithuti ba bangwe. 

A re baithuti bao ga ba tsene dithuto sentle, ba iphitlha kwa sekgweng mo sekoleng ba pakile majalwa a a farologaneng ga mmogo le motokwane mo dibekeng tsa bone mme ba nne koo ba a nwa ba goga.

Rre Leepile a re ba setse ba kile ba tshwara setlhopha sa basimane ba supa ba bo ba bitsa batsadi ga mmogo le mapodisi mme ga dumalanwa gore ba kgwathisiwe ke lekgotla la goo Sebako ka jaana ba ne ba padile.

Rre Leepile a re baithuti ba le batlhano ba ne ba tlhasela bangwe ba ba neng ba tshwaretse dikgaisano tsa motshameko wa chess mo sekoleng seo ba tshotse dithipa mme ba ba kgothosa megala ya letheka e le lesome le borataro.

Gape Rre Leepile o kopile barekisi bangwe ba ba rekisang mo dimausung tse di bapileng le sekole seo go emisa mokgwa oo maswe wa go rekisetsa baithuti motsoko ga mmogo le motokwane. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : Kanye

Event : Potsolotso

Date : 08 Nov 2015