Breaking News

Tautona o akgola Ntlo ya Dikgosi

08 Nov 2015

Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama a re o  itumelela seabe sa maloko a Ntlo ya Dikgosi mo ditirong tsa go tsosolosa le go boloka ngwao.

E rile a bua kwa moletlong wa go bula semmuso ntlo ya ngwao kwa sekoleng se segolwane sa Sir Seretse Khama Memorial mo Gaborone, Tautona a tlhalosa fa dikgosi di supa sekai sa boeteledi pele jo bo lolameng ka jaana ba tsenya letsogo mo ditirong tsa setshaba.

Tautona  Khama, yo gape e leng motlhokomedi wa sekole seo, a re ntlo e e abetsweng sekole ga mmogo le didirisiwa tse dingwe tsa ngwao ke maloko a Ntlo ya Dikgosi, di tla a thusa mo go ruteng bana ba sekole ngwao ga mmogo le go ba ruta ka botho.

O ne gape a tlhalosa fa dikgosi e le tsone pilara ya ngwao, ka jalo a ba akgolela seabe sa bone mo ditirong tsotlhe tse ba di dirang go thusa batho. 

Tautona Khama o ne a gakolola baithuti ba Sir Seretse Khama Memorial go dirisa ntlo eo ka manonthotho, go ithuta ka tsa ngwao ga mmogo le go ruta ba bangwe ka e le tsela ya go somarela le go boloka ngwao ya Setswana.

Moemedi wa Ntlo ya Dikgosi yo gape eleng kgosi kgolo ya Batlokwa, Kgosi Puso, a re o bone go le matshwanedi go abela sekolo seo ntlo ka jaana go le botlhokwa thata go ruta bana ka tsa ngwao.

A re sekolo sa Sir Seretse Khama se dira mo go tsamaelenang le se se batiwang ke dikgosi eleng go ruta bana maitsholo a amogelesegang ga mmogo le boitsholo jo bo eletsegang mo setshabeng. 

Kgosi Puso o ne a tlhalosa fa ntlo e e agilwe ka madi a tswang mo letloleng la Ntlo ya Dikgosi e le gone jaaka ba supa tswaragano ya bone le morafhe mo go rotloetseng ngwao.

O ne a tlhalosa fa Ntlo ya Dikgosi e dirile ditiro di le mmalwa go thusa ba ba tlhokileng lesego. A re e ntse e le ka one madi a letlole la dikgosi, ba kgonne go dira ditiro di le tlhano jaaka go aba ntlo, dithoto le tse dingwe.

Kgosi o ne a tlhalosa fa se e le maikaelelo le maiteko a go isa Ntlo ya Dikgosi kwa bathong ga mmogo le go tshwaragana le setshaba go aga lefatshe.

Fa a tswa la gagwe, mogokgo wa sekolo sa Sir Seretse Khama Memorial Mme Gloria Mankandela o ne a tlhalosa fa e le boitumelo jo bogolo go amogela Ntlo ya Dikgosi. O ne a tlhalosa fa maduo a sekole seo a itumedisa. A re ka jaana ba abetswe ntlo ya ngwao, go ya go nna motlhofo go ruta bana ka ngwao. Bokhutlo

 

 

 

Source : BOPA

Author : Kelebogile Taolo

Location : Gaborone

Event : Pulo semmuso

Date : 08 Nov 2015