Breaking News

Ga ba a naya tshwene marapo

05 Nov 2015

Banni bangwe ba Chanoga ba tlhamile setlhopha sa motshelo se se eteletsweng pele ke bomme ba le barataro le rre a le mongwe.  

Mo potsolotsong bosheng, mongwe wa maloko a motshelo oo, Mme Kgaogano Samotshozo o tlhalositse fa e rile ka ngwaga wa 2014, ba bona fa go nna le bonno jo bo siameng e le konokono mo matshelong a bone. 

A re ba ne ba kopanya ditlhogo e le badiri ba twantsho borukutlhi go bona ka fa ba ka ikagelang ka teng gammogo le go imolola puso mo go ba ageleng matlo. 

Mme Samotshozo a re ba ne ba dumalana go ntsha lekgolo le dipula di le masome a matlhano kgwedi le kgwedi mongwe le mongwe. 

Le fa go ntse jalo, Mme Samotshozo o tlhalositse fa madi ao a dirisiwa go reka dikgetsi tsa semente tse ba dirang ditena ka tsone.

O tsweletse gape a tlhalosa fa ba tlala ka monyenyo fa ba tsena kwa metseng ya bone ba bona ditena tse di tlaa fetolang matshelo a bone, gammogo le gone go ba fa seriti ka ba tlaa bo ba na le matlo a sennela ruri. 

Mme Samotshozo o boletse gape fa ba ikokoanyetsa dipula tse di masome a mabedi go rekelana dilwana tsa mo ntlong. 

A re le tsone di ba tsholeditse fela thata ka ba ne ba sa kgone go ithekela dilwana tsa mofuta oo ka nako e le nngwe. 

Le fa go ntse jalo, Mme Samotshozo a re le fa ba sa simolola go aga matlo a bone, ba malwapa a bone gammogo le bana ba bone ba itumelela gore ba tlaa tshela botoka mo bonnong jo bo kgatlhisang. 

A re bonno le jone bo tsaya karolo e tona mo go ageng ngwana gammogo le thuto ya ngwana, mme a re motshelo o wa bone o ba tlodisitse dinokana di tletse e bile o ba thusa thata go fema dikoloto kwa go bo machonisa le kwa dibankeng ka ba dirisa madi a bone a motshelo. 

O tsweletse ka go bolela fa ba ikaeletse go tswelela ka moono wa bone go fitlha ba itsenyetsa ditlamelo tsotlhe jaaka metsi le motlakase.

Le fa go ntse jalo, Mme Samotshozo a re matshwenyego a ba kopanang le one ke a go sa tsisa madi ka nako ga bangwe mme a re seo ga se ba kgobe marapo mme ba ikaeletse go tswelela ba itlhabolola.

Mme Samotshozo o gakolotse bana Batswana ka kakaretso go dirisa sentle madi ao mme o gakolotse batho gore le fa ba berekela madi a mannye, ba leke ka bojotlhe go a dirisa mo ditirong tse di maleba. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keagisitswe Dioka

Location : Chanoga

Event : Potsolotso

Date : 05 Nov 2015