Breaking News

Thari Day Care e tlhaelelwa ke ditsompelo

05 Nov 2015

Sekole sa bananyana sa Thari Day Care se se tsamaisiwang ke boeteledipele jwa komiti ya ditlhabololo tsa Manyana se tsweletse sentle.

Sekole se, se tsenwa ke bana ba ba dingwaga tse pedi le sephatlo go ya kwa go tse tlhano, mme  e bile se setse se na le bana ba le masome a mane le boraro ba ba duelang P220 tlhogo ya ngwana ka kgwedi.

Mo potsolotsong bosheng, mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Mme Kebitsamang Mokotedi, a re sekole seo se sa le se agilwe ke baithaopi e bong Mme Anita Letlole le Mme Lerato Lejage ka ngwaga wa 1990. 

Mme sa nna ka fa tlase ga tsamaiso ya komiti ya ditlhabololo ka ngwaga wa 2008 ka setsha se se neng se agilwe mo go sone e ne e le sa VDC mme sa bulwa semmuso ka 2009.

“Sekole se se na le motlakase le metsi, ntlwana ya borutelo e le nngwe, ya boapelo e le nngwe ga mmogo le e bana ba robalang mo teng ka nako ya fa ba itapolositse. 

Le fa go ntse jalo se na le badiri ba le bararo, ebong morutabana, moapei le mophepafatsi”, Mme Mokotedi a tlhalosa.

Fa a tswelela  Mme Mokotedi  a re ba kgobokanya madi a go dira ditiro tsa letsatsi le letsatsi ka dikgaisano tsa mmabontle, go hirisa matlo ga mmogo le go apaya dijo ka nako ya dithuto-seka-dipuisanyo jaaka tsa Nyeletso Lehuma le tse dingwe.

Fa a akgela ka sekole seo, leloko la komiti ya ditlhabololo Mme Tlhokomelang Sethono a re le ntswa sekole seo se tsweletse sentle ga se na ditlhabololo tse di nametsang tse di ka okang bo mmabana ka bontsi ka jalo a kopa dithuso mo setshabeng. 

Mme Sethono a re o eletsa gore Thari Day Care e nne le meriti fa bana ba tshamekelang teng, ga mmogo le se ba ka tshamekang ka sone.

Le fa go ntse jalo Mme Sethono a re o eletsa gore e kare puso e ka ba tswa thuso ka go ba tsisetsa tanka ya metsi ka metsi a tlhaela mo motseng wa bone gape a re ba sokola go rekela bana dijo ka madi a sa lekane sentle segolo jang ka ditlhwatlhwa tsa seshabo di ile magoletsa . 

Morutabana kwa sekoleng seo, Mme Itumeleng Leiso a re o alositse bana ba le masome a mararo le boferabongwe fa e sale ka ngwaga wa 2009. 

Mme Leiso a re tiro ya go ruta bana ba bannye e dingalo fela thata ka bana ba teng ba santse ba le thata go sala ditaelo morago ebile ba rata go tsosa modumo le go lwantshana mme fela e batla o le pelotelele le boineelo. 

Mme Leiso a tswelela ka gore tiro ya gagwe o a e rata ka e bile a setse a e berekile lobaka gape a na le maitemogelo mme a kopa batsadi gore ba seka ba latlhelela bana ba bone ba beile thata mo go ene ka gore ke morutabana. 

A re bangwe batsadi go lebega ba sa tlhokomele bana mo go kalo selo se a reng ga se a siamela thuto ya bana. 

Mme Leiso o weditse ka gore sekole se tsena ka nako ya boferabobedi phakela mme se tswe ka nako ya bone maitseboa. Ends

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : Manyana

Event : Potsolotso

Date : 05 Nov 2015