Se tshwarwa ke ntsa pedi...
05 Nov 2015
Mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, Mme Botlogile Tshireletso, o kgothaditse Batswana, segolo jang banana go ipopa ditlhopha tse ka tsone ba ka kgonang go ikopela ditiro tse mmuso o ikaelelang go di dira mo metsing ya bone mo ngwageng wa madi wa 2016/17.
Mme Tshireletso o dirile kgothatso e mo diphuthegong tsa kgotla tse mo go tsone a neng a lekodisa batlhophi ba kgaolo ya gagwe ka dikgang tse di buisantsweng mo palamenteng e e fetileng le go tsaya megopolo go e isa kwa phuthegong e e tlang ya palamente.
A re e re ka mmuso o ikaelela go dirisa bontlha bongwe jwa madi a a beilweng kwa mafatsheng a sele go lwantsha letlhoko la ditiro, go tsosolosa itsholelo le go rotloetsa Batswana go simolola dikgwebo tse di ka tswakanyang itsholelo, o ka itumela fa banana ba ka ipaakanyetsa go ikopela ditiro di tshwana le go shafatsa dikago tsa mmuso jaaka matlwana a borutelo, matlo a boroko jwa barutabana le go dira ditiro tse di neng tsa salela morago ntateng ya tlhaelo ya madi e e bakilweng ke kwelotlase ya itsholelo ya mafatshe.
Mme Tshireletso, yo e bileng e le mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, o boleletse banni ba Shakwe le Makwate fa e le tshwanelo ya bone le ba dikomiti tsa ditlhabololo ga mmogo le makhanselara go tswa ka megopolo ya ditlhabololo tse di ka fiwang maemo a ntlha fa go dirwa lenaneo la ditlhabololo tsa setshaba tsa bolesome le motso (NDP11) le mo lenaneong la ditogamaano tsa dikhansele la (DDP8).
O tlhalosa fa Tautona a neetse lephata la dikgaolo le tlhabololo magae boikarabelo jwa go bona gore ditiro tsotlhe tse di neng di saletse morago ka ntlha ya tlhaelo ya madi di a diragadiwa ga mmogo le go tlosa melala ya batho ba ba neng ba tshwanetse go thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma mo ngwageng wa madi 2015/16.
E rile Mme Tshireletso a tsibogela dilelo le dingongorego tsa bone mabapi le go tlhoka go dirwa ga tsela e e tshwaraganyang Dibete, Mookane, Mmaphashalala le Makwate ga mmogo le tsela e e tshwaraganyang Makwate le Shakwe, a solofetsa gore le fa mmuso o santse o lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya madi, kgang eo ke nngwe ya tse a tlaa di bayang palamente ya kgaoganyo madi a setshaba pele ka jaana ba tswa kgakala ba ngongorega ka tsone.
Mo diphuthegong tseo banni ba Shakwe le Makwate ba ne ba itumelela ditiro tse di dirilweng ka lenaneo la Ipelegeng jaaka diterata tse di kgaoganyang masimo le mahudiso, kagelelo ya mabitla le diofisi tsa kgotla le go ntshiwa ga ditlhare mo ditseleng.
Dingwe tse ba ngongoregileng ka tsone ke tiego ya go phakisiwa ga batlhoki le bana ba masiela dijo, tiego ya go goroga ga didirisiwa tsa Ipelegeng kwa metsing ya magae, tiego ya go agwa ga diofisi tsa kgotla kwa Shakwe, go atolosiwa ga dikokelwana tsa metse ya bone gore di nne le matlwana a pelegiso le tiego ya go thusiwa ga batho ba ba ikopetseng dithuso ka lenaneo la nyeletso lehuma. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : Makwate
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 05 Nov 2015






