Kolotsana e tseetse monna botshelo
05 Nov 2015
Mapodisi a Tutume a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano a tlhokafetseng morago ga go welwa ke kolotsana e e rwalang le go folosa dithoto ya marekisetso mangwe kwa Tutume.
Mogolwane wa mapodisi a Tutume, Superintendent Jerry Halahala, a re ba begetswe tiragalo eo ka Laboraro ka nako ya bongwe motshegare. A re go bolelwa fa rre yoo e ne e le mmereki mo marekisetsong a mme o ne a tsamaisa kolotsana eo.
A re baboni ba tiragalo eo ba boletse fa moswi, yo o tlholegang kwa Nkange, a ne a ne a kgweetsa kolotsana eo mme ka go tlhoka lesego ya wa ka ene ya mo gata, mme a bona dikgobalo tse di masisi mo tlhogong.
A re o ne a ragosediwa kwa kokelong ya Tutume kwa go tlhomamisitsweng fa a tlhokafetse. Setopo se kwa setsidifatse sa kokelo ya Tutume go tlhatlhojwa ke dingaka. Supt Halahala a re ba santse ba le mo ditlhotlhomisong go bona se se ka tswang se bakile kotsi eo.
Mo go tse dingwe, Supt Halahala o ikuetse mo bathong ba ba nang le metshelo ya madi go bona gore ba baya madi a bone fa go babalesegileng. O ne a supa fa ba setse ba amogetse kgang ya gore P6 600 wa motshelo o tsene ka 'ga re itse' kwa Senete.
A re dikgang tseo ga di ba robatse segolo bogolo mo nakong ya bofelo jwa ngwaga. Ka jalo o ne a gakolola gore batho ba bee madi kwa dibankeng go tila go kopana le dikgang tsa motlhale oo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Potsolotso
Date : 05 Nov 2015






