Breaking News

Molosiwa o tshela ka letsela

04 Nov 2015

Mananeo a puso a nyeletso lehuma a tsweletse ka go nolofatsa matshelo a batho ba le bantsi go ralala lefatshe leno. 

Mongwe yo o galaleditseng mananeo a e bile a kgonne go iponela maduo a one ke Mme Sylvia Molosiwa wa kwa Mothabaneng mo kgaolong-potlana ya Bobirwa yo o thusitsweng ka didirisiwa tsa go roka.

Mme Molosiwa, yo o dingwaga tse di masome a mane, o tlhalositse fa a ne a itela mo ofising ya ga mmaboipelego mme ya re ka 2014 ka kgwedi ya Tlhakole kopo ya gagwe ya arabiwa. 

O ne a isiwa sekoleng kwa Francistown College of Technical and Vocational Education (FCTVE) lebaka la dikgwedi tse pedi kwa a neng a ithutela go roka mme ya re morago ga moo kgwebo ya gagwe ya simolola.

O tlhalositse fa mo nakong ya gompieno kgwebo e tsweletse sentle mme e mo thusa go tlhokomela bana ba gagwe.

“Go roka ke sengwe se se gaufi thata le pelo ya me, mme go tsaya lenaneo go nthusitse ka ke kgonne go ikemela e bile ke le mo seemong se ke kgonang gore ke itlhokomele ga mmogo le ba lelwapa la me,” ga bua jalo mme Molosiwa.

O akgotse ofisi ya ga mmaboipelego e akayang fa gangwe le gape e etelang fa a direlang teng go lekola kgwebo ya gagwe.

 O lebogile thata le thotloetso e a e bonang mo banning ba Mothabaneng. 

A re le ntswa e le moroki yo o magorogo masha, kgothatso e a e bonang mo motseng ke e tona thata ka go bo ba mo rotloetsa go tswelela.

Mme Molosiwa a re le fa kgwebo e dira sentle, o tshwenngwa ke dikgwetlho dingwe tse di felelang di mmusetsa kwa morago mme di mo paledise go ka ntsha maduo jaaka a eletsa.

A re letlhoko la motlakase le dira gore a kokonelwe ke go reka leokwane la sefetlha motlakase mme se se felele se fokotsa dipoelo ka a dirisa madi a mantsi go reka leokwane. 

Moroki yo, a re kgwetlho e nngwe e a kopanang le yone ke go bo go sena madirelo mo motseng kwa a ka rekang matsela teng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Segomotso Basuti

Location : Mothabaneng

Event : Potsolotso

Date : 04 Nov 2015