Batsadi ba gakololwa go kgalema
04 Nov 2015
Batsadi ba gakolotswe go tsibogela seemo se se ileng magoletsa sa banana ba ba nnang le bakapelo ba bone mo malwapeng a batsadi ba bone kwa ntle ga lenyalo.
E rile a bua mo potsolotsong bosheng, modulasetilo wa komiti ya Man Sector kwa Molepolole, Rre Andrew Selwe a gakolola bagolo go tsibogela seemo se ka jaana go supagala fa seemo seo se ile magoletsa.
O tlhalositse fa banana ba bomme e le bone go le gantsi ba nnang le bakapelo ba bone kwa malwapeng a batsadi.
A re go dira jalo ga go a siama a supa fa go le botlhokwa gore batsadi ba godise serodumo le seriti sa malwapa a bone ka go kgala le go sa letlelele dilo tsa go nna jaana.
Rre Selwe a re diemo tsa go nna jaana di dira dipolaano mo malwapeng.
Rre Selwe a re sebe sa phiri ke gore fa baratani ba tlhoka kutlwisisano go felela go nna le dintwa tse kgonang go ama batsadi.
A re borre ba kgona go tlisa dijo mo lwapeng kgotsa go agela mokapelo ntlo mo lwapeng ntle le kgakololo go tswa mo batsading.
O kgadile se thata e bile a tsibosa batsadi ka bodiphatsha jwa go letlelela diemo tsa mothale o ka di na le ditlamorago tse di sa jeseng diwelang
Ka jalo, batsadi ba gakolotswe go kopa thuso mo bogosing kgotsa mo makalaneng a a lebaneng a tshwana le mapodisi fa bana ba bone ba setse ba medile dinaka e bile ba batla go itirela boithatelo mo malwapeng a bone.
E rile a iteela kobo moroko ka kgang e, Rre Frank Modibedi wa kgotla ya Boswelakoko a tlhalosa fa kgang ya go letlelela bana ba basetsana ba tla mo lwapeng le bakapelo ko ntle ga lenyalo e rotloediwa ke bommaabone ka jaana ba a bo ba tshwara thipa ka fa bogaleng.
Rre Modibedi o ne a supa fa maitseo e le namane e tona go sa kgathalasege gore seemo sa itsholelo ke se se ntseng jang mo lwapeng lwa mosetsana.
O ne a konetelela ka gore batsadi ba bana segolo bogolo jang bomme ba ithute go dirisanya sentle le borre go tila diemo tsa go nna jaana tse gantsi di felelang di tlisitse bohutsana mo lwapeng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Boikanyo Sarefo
Location : Molepolole
Event : Potsolotso
Date : 04 Nov 2015






