SPEDU e tla a baka ditlhabololo
04 Nov 2015
Mogolwane wa Selei Phikwe Economic Diversification Unit (SPEDU), Rre James Mathokgwane, a re lekalana la gagwe le tla a dira ka bojotlhe go thusa banni ba metse e e welang ka fa tlase ga SPEDU gore tse ba di lorang ka metse ya bone di diragale.
Rre Mathokwane o ne a bua jalo kwa phuthegong ya kgotla kwa Maunatlala ka Labobedi (Ngwanaatsele 3).
A re SPEDU e itebagantse gape le go tlhabolola ditlhopha tse di saletseng kwa morago jaaka basadi, banana le ba-na-le-bogole mme ba ba kopang dithuso ba tla a di fiwa fela fa ba ka ipopa ba dira ditlhopha.
Ka jalo a re gore setlhopha se se ipopileng seo se fiwe dithuso ke SPEDU, se tshwanetse sa bo se na le molao motheo a bolela fa molao motheo oo e tlaabo e le yone tsela le boammaaruri ya gore ba bone dithuso tsa madi.
Rre Mathokgwane a re fa setlhopha seo se sena go nna se tshwanetse se rutuntshiwe gore se tla a bo se tsamaisa dilo jang le gore maikarabelo a sone ke eng.
A re setlhopha sa motse (trust) ga se a tshwanela go kganela setlhopha sepe go nna teng ka ba se mo ntweng ka maikaelelo a setlhopha sa motse e le a dikeletso tsa banni ba Maunatlala.
A re go setse go na le tema e e bonalang mo mosepeleng wa lekalana la gagwe wa go direla banni ditiro le go tlhabolola metse.
A re go na le dipatlisiso tse di dirilweng mme di itebagantse le dikgwebo tse di ka kgonagalang kwa mafelong ka go farologana jaaka tsa bojanala jwa matamo le tsa temo ya nosetso.
O tlhalositse fa Maunatlala a ka siamelwa ke temo ya nosetso ka jalo go setse go na le lefelo le le setseng le bonwe le temo eo e tla a dirwang mo go lone mme metsi a tsewa mo tamong ya Lotsane.
A re mo ditemeng tse di tla a lengwang go tla a seegelwa di le lekgolo fa thoko tse di tla a newang setlhopha (trust) sa banni ba Maunatlala gore ba di leme mme ba itlhamele ditiro.
A re ditema tse makgolo a le mabedi le masome a matlhano e tla a nna tsa balemi ba batona fa ditema di le lekgolo e tla a nna tsa ditlhabololo di tshwana le ditsela le motlakase.
O ne a rotloetsa banni go tlhoafalela go kopa ditema tseo mme ba leme dijwalo di tshwana le ditamati ka di tsile go tlhokafala mo komponeng e e tsileng go bulwa kwa Selibe Phikwe e e tla a bong e le e e dirang tse di jewang ka go farologana mme di dirwa ka tamati.
O ne a itsise banni fa e tla a re mo bogaufing ba SPEDU ba kopane le ba moepo wa BCL ba ntshe madi a selekanyo sa P2 million go emisa (harvest) mosi o o kwa Selibe Phikwe go dira tse di farologaneng ka one.
A re mosi oo go ka kgonagala gore o nne le mosola ka o ka kgona go dira monontshane mo mmung.
Mokhanselara wa Maunatlala Mme Salome Lesole o ne a rotloetsa banni ba Maunatlala go ema ka dinao mme ba dire tse ba gakololwang go di dira gore ba kgone go anywa mo go ba SPEDU gore motse wa bone o nne le diphetogo bogolo jang tsa ditlhabololo le kwa ba obang letsogo teng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Maunatlala
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 04 Nov 2015






