Breaking News

Butale o kopa kemonokeng ya badirelapuso

04 Nov 2015

Mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima, Rre Biggie Butale, o kopile badirelapuso go mo ema nokeng le go dira ba le seopo sengwe le ene tebang le go lere ditlhabololo mo kgaolong ya bone.

Fa a buisa baeteledipele ba maphata a puso le khansele bosheng, Mopalamente Butale a re o tsere boikarabelo jwa go nna moemedi wa kgaolo eo ka maikaelelo a go leka go kgarametsa ditlhabololo di le mmalwa mo kgaolong.

 A re nngwe ya dilo tse a neng a di solofetsa fa a tsena mo ofising e bile e le nngwe ya tse di kgabolang mo ditorong tsa gagwe, ke go bona kgaolo ya Tati Bophirima e le ya maemo a a kwa godimo, e phaphasela ka ditlhabololo ka go farologana, mo e tlaa felelang e melediwa mathe ke dikgaolo tse dingwe.

Rre Butale a re o dumela fa seo se ka kgonega fela fa ba-na-le seabe mo ditlhabololong tsa kgaolo ba tshwana badirelapuso, bogolo jang baeteledipele ba maphata ba ka bereka ba le setlhopha e bile ba na le tirisano mmogo e ntle le ene.

O ne a gwetlha baeteledipele ba maphata go tlhwaafalela go tlhabolola kgaolo ya bone gore pheletsong e nne boremelelo jo dikgaolo tse dingwe di tsayang malebela mo go yone le go nwa moro boleng jwa yone.

Mopalamente Butale o tsweletse a re morago ga dingwaga tse tlhano, o eletsa go bona kgaolo ya gagwe e na le madirelo a a ka thusang go tlhamela banana ba kgaolo le Batswana ka kakaretso diphatlha tsa mebereko, ka jalo a re tshwaragano le therisanyo ke tsone fela di ka isang kgaolo golo gongwe.

O ne a gakolola boeteledipele go dira ba tlhaloganya fa ba direla lefatshe la bone le bokamoso jwa bone gammogo le jwa bana ba bone tota, a re ka jalo letlhoko lengwe le le ka nnang teng mo maphateng a bone mme e le le ba ka kgonang go dira sengwe ka lone, ba seka ba ipona tsapa go le tsibogela ka ditshenyegelo tsa bone. 

Rre Butale a re ba  tshwanetse go ema ka dinao go tshegetsa serodumo sa kgaolo mme ba itsetsepele thata mo go tse di ka thusang go tlhabolola kgaolo go fetola tebego ya yone, a re o na le tshepho ya gore thulaganyo ya Economic Stimulus Package (ESP) e tlaa thusa thata gore ditlhabololo dingwe tse di ntseng di saletse kwa morago di kgaramediwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Masunga

Event : Bokopano

Date : 04 Nov 2015