Breaking News

Neelang ba lwala tlhaloganyo seriti

04 Nov 2015

Setshaba se rotloeditswe go tsibogela go neela balwetse ba botsogo jwa tlhaloganyo seriti.

E rile a bua mo segopotsong sa bolwetse jwa tlhaloganyo, se se neng se tshwerwe ke sepatela sa Scottish Livingstone kwa Molepolole, mogolwane wa tsa botsogo, Mme Gaboelwe Rammekwa a tlhalosa fa batho ka kakaresto ba tshwanelwa ke go lebelela seemo se, ka jaana se akaretsa setshaba sotlhe.

O ne a supa fa go tlwaelesegile gore batho ba sie kgotsa ba nne le boitshwaro jo bo sa amogelesegeng fa ba bona kgotsa ba kopana le batho ba go nna jaana. O ne a tswelela ka go supa matshwenyego a gore bangwe ba tshega batho ba go nna jaana ba ba tlaope e bile b aba bitse maina aa sa siamang.

Mme Rammekwa ne a tlhalosa gore batho ba tshwanetse go tlhaloganya gore bolwetse jo bo kgona go ama mongwe le mongwe a supa fa go tlaopa batho bao go sa siama.

O ne gape a tlhalosa fa bolwetse jo bo gola mo Botswana le mo lefatsheng ka bophara, a sedimosa gore batho ba ka feta dikete tse masome a mararo mo Botswana ba amilwe ke bolwetse jwa botsogo jwa tlhaloganyo.

A re masika ke bone ba ba tshwanetseng go simolodisa go fa balwetse ba bone seriti mme ba ba tseye jaaka batho, a supa gore seo se ka otlololela boitsholo joo kwa sechabeng ka kakaretso. 

Mme Rammekwa a re se, se na le seabe mo botsogong jwa molwetse ka jaana, fa a tshwarwa sentle, a tlotlwa e bile a tsewa jaaka motho, go kgona go tokafatsa seemo sa gagwe.

O ne a gatelela ntlha ya gore bolwetse jo, ke bolwetse fela jaaka malwetse a mangwe e bile bo sa dirwe ke boloi jaaka batho bangwe ba akanya.

Mme Rammekwa o ne a rotloetsa masika go gakolola ka bodiphatsa jwa go dirisa diribatsi di tshwana le metokwane, go nwa bojalwa phwtelela, go goga metsoko le tse dingwe a tlhalosa fat se, se se na seabe se setona fela thata go ka tsenya motho bolwetse joo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Boikanyo Sarefo

Location : Molepolole

Event : Segopotso

Date : 04 Nov 2015