Itlhokomeleng - Bimbo
03 Nov 2015
Kgosi Sam Bimbo wa Omaweneno o kgothaditse morafe wa gagwe go tsaya botsogo jwa bone ka tlhwaafalo. O ba kopile go nwa dipilisi tse di ritibatsang mogare fa ba iphitlhela ba na le one morago ga go itlhatlhoba.
Kgosi Bimbo o buile se kwa motseng oo bosheng mo phitlhong nngwe ka Matlhatso.
O tsweletse ka go tlhalosa fa puso e rata thata batho ba yone le go ba tlhokomela mme seo se supiwa ke ka fa e neng ya ema ka dinao ka teng go simolodisa lenaneo la dipilisi tse di ritibatsang mogare.
A re go tsaya kgato moo go ne ga fokotsa dintsho tse dintsi tse di neng di diragala.
Kgosi a re nako e fetile ya gore setshaba se itlhabelwe ke ditlhong mo go tlhomamiseng gore ba itseela kgato e e siameng, a re go maswabi gore bangwe mo nakong ya gompieno ba bo sa ntse ba tlhokafala ka lebaka fela la go itirela boferefere jwa go tlhoka go nwa dipilisi ka fa go tshwanetseng ka teng.
Kgosi Bimbo o ne gape a kgothatsa setshaba se se neng se tshologetse phitlho eo go amana nokeng ka go tshwaragana le go dira mmogo ka dinako tsotlhe fa yo mongwe a tlhokafaletswe ka e le tsela nngwe e e supang lengwe la matshego a tebelopele ya 2016.
Kgosi Bimbo o ne a tsibosa le morafe wa gagwe ka molelo wa kgolagano o o tlaa gorogang kwa motseng oo kgwedi eno e le lesome le bone.
O ne a supa fa puso e ntshitse madi go keteka letsatsi leo mme a kopa morafe wa gagwe go ema ka dinao ka go oketsa madi ao fela jaaka ba a tle ba dire ka go oketsa madi a boipuso gore mongwe le mongwe a tle a kgone go imona monwana.
Kgosi Bimbo o ne a kaya fa letsatsi leo le le botlhokwa ka e le tsela nngwe ya go supa fa lefatshe leno le gatetse pele mo ditlhabololong morago ga go tsaya boipuso le gone go supa tshwaragano le kagiso e e renang mo lefatsheng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Omaweneno
Event : Phitlho
Date : 03 Nov 2015






