Mabolwe o ikaegile ka mananeo
03 Nov 2015
Kgosi ya Mabolwe mo kgaolong potlana ya Bobirwa o galaleditse mananeo a puso, a re a dirile pharologanyo mo matshelong a batho ba motse wa gagwe. Kgosi Join Ngala o ne a bua mo potsolotsong bosheng.
A re fa batho ba ka ikanya mananeo a, ba ka tshela. Kgosi o ne a tlhalosa fa mananeo a tshwana le la Tirelo Setshaba, Ipelegeng, temo ya merogo le thuo ya dihutshane e le mangwe a banni ba a akolang.
A re lenaneo la Tirelo Setshaba ke lengwe le le tsibogetsweng ka dipalo tse di kwa godimo, mme a tlhalosa fa le tsisitse diphetogo tse di tona mo bananeng ba motse wa Mabolwe ka le kgonne go ba ntsha mo mekgwatheng.
Kgosi Ngala o tlhalositse gape fa lenaneo le, le neetse banana seriti ka ba kgona gore ba itshetse ka dituelo tse ba di bonang.
A re fa e sale lenaneo le le goroga, ba setse ba bone ditlhabololo mo kokelwaneng, sekole se sebotlana le kwa kgotleng ka jaana ba ba thapilweng ba thusa thata go fefosa ditirelo.
Kgosi o tlhalositse fa gangwe le gape a gakolola morafe go inaakanya le mananeo ka go farologana ga one.
O kaile fa mananeo a tshwana le la thuo ya dihutshane a le bogadi bo gaufi mme a ka thusa gore kgabagare ba kgone go tokafatsa matshelo a bone ga mmogo le go tlhamela ba bangwe mebereko.
Le fa go ntse jalo, kgosi o boletse fa mananeo a tshwana le a thuo ya dihutshane le la temo ya merogo a sa dire mo go kgotsofatsang ka go bo go sena mokenti le molemisi mo motseng.
A re go latela bodiredi jo kwa Semolale go felela go baka gore ba ba nang le keletso ya go kopa mananeo ba felele ba kgobega marapo ka ntata ya letlhoko la madi a go palama dipalamo tsa setshaba go ya go kopa dithuso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Segomotso Basuti
Location : Mabolwe
Event : Potsolotso
Date : 03 Nov 2015






