Breaking News

Tshwaragano konokono mo thutong

03 Nov 2015

Batsadi le barutabana  ba gwetlhilwe go tshwaraganela thuto ya bana go tokafatsa seemo sa maduo a baithuti a go bolelwang a wela tlase ka monokela.

Se se builwe ke moeteledipele wa lekalana la First National Bank kwa Lobatse, Rre  Samuel Mmelesi ka letsatsi la kabo ya dimpho tsa bana ba sekole se sebotlana sa Sekhutlane mo kgaolong ya Borwa.

Rre Mmelesi a re tshwaragano eo e mosola fela thata ka jaana makgamu otlhe a ka tla ka megopolo e e farologaneng go ka bona gore seemo sa thuto se ka tokafadiwa jang go aga setshaba se se rutegileng.

 A re setshaba se se rutegileng se ka thusa mo go tsiseng ditlhabololo ka go farologana mo lefatsheng mme seo se thuse go godisa itsholelo ya lefatshe.

Rre Mmelesi a re moletlo wa kabo dimpho ke tsela nngwe ya go leka go rotloetsa baithuti mo dithutong tsa bone ka jaana go tsisa mowa wa kgaisano gareng ga baithuti.

 O ne a kgothatsa ba ba gapileng dimpho go tswelela ba dira ka bonatla  le ba ba sa kgonang go ikgapela dimpho go itsolopanya mo nakong e e tlang mme ba tokafatse maduo a bone.

Rre Mmelesi  o ne a gwetlha batsadi go tsaya karolo  mo dithutong tsa baithuti ka go tlhomamisa gore ba kanoka ditiro tsa bana ka dinako tsotlhe.

O ne a tlatsa ka gore ba seka ba ipona tsapa go ka ya kwa sekoleng fa ba sa kgotsofalele sengwe ka moithuti.

O ne gape a rotloetsa dikgosi, makhanselara le bagwebi go tsenya letsogo mo go tlhabololeng seemo sa thuto ya bana.

 E rile fa a ema baithuti ka lefoko la kgothatso, moeteledipele wa lephata  la thuto mo khanseleng ya kgaolo-potlana  ya Good Hope, Mme Matlhape gwetlha batsadi  le batsaya karolo botlhe mo setshabeng go emela thuto ya bana ka dinao go ba betlela tsela ya botshelo. Mme Matlhape a re go le gantsi batsadi bangwe ba itlhokomolosa thuto ya bana ba bone mo ba felelang ba ba rontsha tshwanelo ya go tsena sekole mme ba ba berekise mo dipolasing.

A re seo ga se se puso e se letlelelang mme ebile a supa fa go na le dikgato tse di ka lebisiwang motsadi wa go nna jalo.

O ne gape a gwetlha batsadi go emisa go roma bana go reka nnotagi  le go ba rotloetsa go ba thusa ka nako ya fa ba tswa kwa sekoleng a re segolo bogolo ba ba tlatlamelele go tsenya ditlhogo mo dibukeng.

Mo go tse dingwe, o ne a rotloetsa barutabana go dira ka bonatla ntswa le fa ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le matlo a borutelo a a mo seemong se se sa itumediseng.

 O ne a kopa boeteledipele jwa sekole go abela barurabana le bone ditlankana tsa go dira ka bonatla a re seo se ka tsosolosa mowa wa go dira go le gontsi mo go ntsheng maduo a a nametsang a baithuti.

Mogokgo wa sekole sa Sekhutlane, Rre Mmitsi Moilwa o supile fa sekole sa bone se na le bana ba le makgolo a mabedi le masome a marataro le bosupa mme se lebanwe ke dikgwetlho di le dintsi ka jalo maduo a bone e le a a sa itumediseng.

Rre Moilwa a  re ngogola maduo a lokwalo ba bosupa nne a le kwa tlase ka 27.9 per cent mme a re seo se se ne sa ba gwetlha go irshekatsheka go dira go feta foo monongwaga le go feta.

A re sekolo sa bone se kwa tengnyanateng ka jalo ba kgala le ditlamelo ka jaana ba tlamega go tsaa loeto go ya kwa Mabule go ka tsweledisa ditirelo tsa thuto mme a supa jalo fa seo se baya baithuti ka fa mosing. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : Sekhutlane

Event : Kabo Dimpho

Date : 03 Nov 2015